LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 1/15 ts. 32
  • “O Kgona Jang?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Kgona Jang?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 1/15 ts. 32

“O Kgona Jang?”

POTSO eno e e neng ya bodiwa ke monna mongwe wa motsofe mo resetšhurenteng e ne ya gakgamatsa Muriel thata, yo e leng mmè wa bana ba le bararo. Muriel o ne a tlhotse a isitse bana kwa ngakeng, mme o ne a setse a siilwe ke nako. Ba ne ba se na nako e e lekaneng ya gore ba ye gae go ya go ja dijo tsa maitseboa pele ba ya dipokanong tsa Bokeresete. Ka jalo o ne a isa bana kwa resetšhurenteng e e fa gaufi gore ba je sengwenyana.

Fa ba le gaufi le go fetsa dijo tsa bone, monna mongwe o ne a atamela Muriel mme a re: “Ke ntse ke lo etse tlhoko fa e sa le lo tsena fano. Mme ke lemogile pharologano e kgolo mo baneng ba gago le bana ba ke tlholang ke kopana le bone. O ka se dumele gore bana ba tlhola ba dirang ka ditafole le ditulo tseno. Ba baya dinao tsa bone mo tafoleng. Ba kgoromeletsa ditulo kwa le kwa. Mme bana ba gago ba didimetse e bile ba itshwere sentle. O kgona jang?”

Muriel o ne a araba a re: “Nna le monna wa me re ithuta Baebele le bana ba rona ka metlha, mme re leka go dirisa se re se ithutang mo matshelong a rona. Rona re Basupi ba ga Jehofa.” Fa a rialo, monna yono o ne a re: “Nna ke Mojuda, mme ke ile ka falola go gailwa ga batho ke Banasi. Ke gakologelwa ke bona Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa kwa Jeremane. Le e leng ka nako eo go ne go bonala sentle gore ba farologane le batho ba bangwe. Tsela e bana ba gago ba itshwereng ka yone e nkgatlhile tota. Ke tshwanetse go tlhatlhoba bodumedi jwa gago.”

Baebele ke buka e e molemo thata mo go godiseng bana ba bone. Basupi ba ga Jehofa ba rata thata go thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke kaelo e e mo Dikwalong. Re go laletsa ka lorato gore le wena o amogele taletso eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela