La Ntlha Ba ne Ba Lelekwa, go Tswa Foo ba Amogelwa
DINGWAGA di se kae tse di fetileng Santiago le mosadi wa gagwe Lourdes, ba ne ba fudugela kwa toropong e ntle ya Huillcapata, kwa Peru, gore ba ye go bolelela batho ba teng molaetsa o o nayang tsholofelo o o tswang mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae go ne ga goroga moruti mongwe a tswa kwa Cuzco mme a phutha banni ba toropo eo. Moruti yoo o ne a ba tlhagisa a re Basupi ba ga Jehofa ba tlisa sebetso se se maswe le kapoko e ntsi e e tlileng go bolaya dikgomo tsa bone e bo e senya dijalo tsa bone.
Batho ba bantsi ba ne ba dumela “boporofeti” jono mme ka lobaka lo lo fetang sephatlo sa ngwaga, ga go na ope mo toropong eo yo o neng a dumela gore Santiago le Lourdes ba ithute Baebele le ene. Modiredi mongwe wa puso yo o bidiwang Miguel, yo e leng motlatsa molaodi wa toropo, o ne a leleka Santiago le Lourdes mo mmileng, a ba konopa ka maje. Mme ka metlha ba ne ba itshwara ka tsela ya Bokeresete e e bontshang gore ba rata kagiso.
Fa nako e ntse e ya, bangwe ba batho ba mo toropong eo ba ne ba dumela go ithuta Baebele. Le Miguel tota o ne a fetola tsela e a neng a leba dilo ka yone. O ne a simolola go ithuta le Santiago, a tlogela go nwa mo go feteletseng mme a nna motho yo o ratang kagiso. Kgabagare Miguel, mosadi wa gagwe, le bomorwadie ba babedi ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele.
Gompieno go na le phuthego e e tsweletseng sentle thata ya Basupi ba ga Jehofa mo toropong eno. Miguel o itumelela gore bontsi jwa maje a a neng a konopa Santiago le Lourdes ka one a ne a ba fosa, e bile o itumelela gore banyalani bao ba tlhomile sekao se se molemo sa go rata kagiso.
[Ditshwantsho mo go tsebe 32]
Go rata kagiso ga ga Santiago le Lourdes (fa godimo) go ne ga dira gore Miguel (kafa thoko mo mojeng) a fetole tsela e a neng a leba dilo ka yone