LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 12/1 ts. 32
  • A Moatlhodi a ka Siamisiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Moatlhodi a ka Siamisiwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 12/1 ts. 32

A Moatlhodi a ka Siamisiwa?

SLADJANA yo e leng Mosupi wa ga Jehofa kwa Croatia, o ne a tlile go ya kgotlatshekelo malebana le tsheko ya dikgang dingwe tsa madi. O ne a goroga ka nako kwa moatlhoding. Le fa go ntse jalo, motho mongwe yo o neng a amega mo tshekong o ne a le thari. Sladjana o ne a eletsa tota go dirisa sebaka seo go rera, ka jalo fa mongwe le mongwe a sa ntse a letile, o ne a ipeta sebete mme a bua le moatlhodi.

O ne a mmotsa a re, “Motlotlegi, a o ne o itse gore go ise go ye kae go tla bo go sa tlhole go na le baatlhodi e bile go se na dikgotlatshekelo mo lefatsheng?” O ne a bua ka baatlhodi ba re ba itseng ba gompieno.

Moatlhodi o ne a gakgametse, mme a mo leba fela a se na mafoko. Fela fa modiredimogolo wa kgotlatshekelo a goroga, go ne ga simololwa. Fa ba fetsa Sladjana o ne a ema a ya go saena lekwalo lengwe, mme moatlhodi o ne a mo sebetsa a re: “A o tlhomamisegile ka selo se o se mpoleletseng gore go ise go ye kae go tla bo go sa tlhole go na le baatlhodi e bile go se na dikgotlatshekelo mo lefatsheng?”

Sladjana o ne a araba a re: “Ee rra! Ke tlhomamisegile ka botlalo!”

Moatlhodi o ne a botsa: “A o na le bosupi jwa seo?”

Sladjana a re: “Bo teng mo Baebeleng.”

Moatlhodi o ne a re o ne a ka rata go ipalela bosupi joo mme o ne a se na Baebele. Ka jalo Sladjana o ne a mo raya a re o tla mo tlela Baebele. Basupi ba ne ba etela moatlhodi yoo, ba mo naya Baebele mme ba mo kgothaletsa go nna le thuto ya Baebele ya beke le beke. Moatlhodi yoo o ne a dumela mme mo nakong e e sa fediseng pelo o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa.

Mafoko a a mo go Pesalema 2:10 a bua jaana ka tsela ya boporofeti: “Jaanong, lona dikgosi, dirisang temogo; itetleng go siamisiwa, lona baatlhodi ba lefatshe.” Go a itumedisa tota fa batho ba ba ntseng jalo ba amogela kaelo ya ga Jehofa e e lorato ka boikokobetso!

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Sladjana le moatlhodi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela