LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 6/1 ts. 3
  • Bosula—A ga Bo Laolege?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bosula—A ga Bo Laolege?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?
    Tsogang!—2010
  • Kafa Molemo o Tla Fenyang Bosula ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 6/1 ts. 3

Bosula—A ga Bo Laolege?

Mosimanyana yo o swegaswegang o sela sengwe mo tshimong—bomo e e epelwang fa fatshe—mme e a thunya e bo e mo foufatsa le go mo golafatsa botshelo jwa gagwe jotlhe. Mmè o latlha leseanyana la gagwe le le sa tswang go tsholwa, o le fitlha mo matlakaleng a a leng fa thoko ga tsela. Modiri yo o lelekilweng mo tirong o boela gape kwa a neng a bereka teng a bo a thuntsha mongwe le mongwe yo a mmonang koo ka tlhobolo morago ga moo o a ipolaya le ene. Ngwana yo o sa kgoneng go iphemela o sotlwa ka tsa tlhakanelodikobo ke moagi yo o tlotlegang.

KA MASWABI, dipego tse di ntseng jalo tsa bosula di setse di tlwaelegile thata mo motlheng wa rona. Se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore gantsi dipego tseno di bipiwa ke dipego tse di kaga go ganyaolwa ga merafe le borukhutlhi. Dikakgelo dingwe tsa bagatisi tse di gatisitsweng ka 1995 di bega gore: “Fa re akanya tsela e lekgolo leno la dingwaga le tletseng bosula ka yone, go ka tshwanela gore go twe le laolwa ke Satane. Ga go motlha ope mo go e e fetileng o mo go one batho ba ileng ba nna le keletso e kgolo thata jaana ya go bolaya batho ba bangwe ba le dimilione di le dintsi ka ntlha ya lotso, bodumedi kgotsa maemo.”

Go ntse go le jalo, batho ba kgotlela mowa le lefatshe, ba senya didirisiwa tse di mo lefatsheng e bile ba nyeletsa gotlhelele mefuta e le mentsi ya ditshedi. A batho ba ka kgona go fenya bosula jono jotlhe mme ba dire gore lefatshe e nne lefelo le le botoka le le le bolokesegileng? Kana a go leka go baakanya dilo go tla tshwana le go leka go gelela mashi a a tshologileng? Porofesa mongwe yo o neng a kwala thata ka kgang ya go oketsega ga bosula o ne a re: “Ruri ke ntse ke batla fela thata go dira diphetogo mo lefatsheng, go tokafatsa boemo mo lefatsheng. Mme gone ga go lebege lefatshe le tokafala.” Gongwe le wena o ikutlwa fela jalo.

Tsela e lefatshe le leng ka yone e ka tshwantshiwa le sekepe se se tsamayang mo lewatleng le le ntseng le nna kotsi letsatsi le letsatsi. Le fa go se ope yo o batlang go tsena mo kotsing, maiteko a go fetola tsela e se lebileng kwa go yone a iteile sefololetse. Sekepe seno se ntse se tsena mo setsuatsueng ga se kgone go ema.

Ka tsela nngwe, boemo jono jo bo ntseng bo senyegela pele bo ka tswa bo bakilwe ke go sa itekanelang ga batho. (Baroma 3:23) Le fa go ntse jalo, selekanyo sa bosula le tsela e bo anameng ka yone go lebega bo le bontsi mo re ka se kang ra re bo bakilwe ke batho fela. A go ka direga gore gongwe batho ba tlhotlhelediwa ke maatla mangwe a a sa bonaleng mme a nonofile e bile a le bosula? Fa go le jalo, maatla ao ke eng mme re ka itshireletsa jang mo go one? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Heldur Netocny/Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela