LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 12/15 ts. 10
  • A o Na le Mokaedi Mo Dilong Tsa Semoya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Na le Mokaedi Mo Dilong Tsa Semoya?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha, lo Batla Botshelo jo bo Ntseng Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Buka ya Bibela ya bo 38—Sekaria
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dikara le Serwalo Di a Go Sireletsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 12/15 ts. 10

A o Na le Mokaedi Mo Dilong Tsa Semoya?

USIA o ne a nna kgosi ya bogosi jwa Juda jo bo kwa borwa a sa ntse a le mmotlana a na le dingwaga di le 16. O ne a busa ka dingwaga di feta 50, go tloga kwa bofelong jwa lekgolo la borobongwe la dingwaga go fitlha kwa tshimologong ya lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. Go tloga fela Usia a sa le monnye, o ne “a nna a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.” Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go dira se se siameng? Pego ya bogologolo ya re: “Ka metlha [Usia o ne] a sekamela mo go batleng Modimo mo metlheng ya ga Sekarea, motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri; mme, mo metlheng ya go batla ga gagwe Jehofa, Modimo wa boammaaruri a mo atlegisa.”—2 Ditiragalo 26:1, 4, 5.

Kwantle ga se se umakiwang mo pegong eno ya Baebele, ga go itsiwe sepe se se kalo ka Sekarea, yo e neng e le mogakolodi wa kgosi. Le fa go ntse jalo, e re ka Sekarea e ne e le “motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri,” o ne a tlhotlheletsa mmusi yono yo mmotlana ka tsela e e molemo gore a dire se se siameng. Baebele ya The Expositor’s Bible ya re go bonala sentle gore Sekarea e ne e le “monna yo o itseng Dikwalo sentle, yo o nang le kitso e ntsi ya dilo tsa semoya e bile a kgona go naya ba bangwe kitso ya gagwe.” Moithuti mongwe wa Baebele o ne a bua jaana ka Sekarea: “O ne a itse boporofeti sentle, e bile . . . e ne e le motho yo o botlhale, yo o ineetseng, yo o siameng; mme go lebega a ne a na le tlhotlheletso e kgolo mo go Usia.”

Usia o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe mme “o ne a bontsha nonofo ka selekanyo se se sa tlwaelegang” ka gonne “Modimo wa boammaaruri [o ne] a tswelela go mo thusa.” O ne a kgona go atlega mo tirong ya gagwe ka gonne a ne a atlega mo dilong tsa semoya “mo metlheng ya ga Sekarea.” (2 Ditiragalo 26:6-8) Fa Usia a sena go atlega, o ne a latlha dithuto tsa ga Sekarea, yo e neng e le mokaedi wa gagwe. “Pelo ya [ga Usia e ne] ya nna mabela gore a bo a dire bosula, mo a neng a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi.” Ka gonne a ile a dira sengwe se se bontshang go tlhoka tlotlo thata, o ne a otlhaiwa ka bolwetse bongwe jo bo maswe tota jwa letlalo, jo bo neng jwa mo golafatsa thata mo a neng a se ka a tlhola a kgona go dira ditiro tsa gagwe tsotlhe jaaka kgosi.—2 Ditiragalo 26:16-21.

A o na le mongwe yo go ka tweng ke motlhatlheledi kgotsa mokaedi, yo o go tlhotlheletsang ‘go batla Modimo’? O ka nna le ene, le fa o ka tswa o le mosha kgotsa o sa tlhole o le mosha, o le monna kgotsa o le mosadi. Tseela mokaedi yono kwa godimo, ka gonne kgakololo ya gagwe e ka go thusa gore o nne o dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa. Reetsa Mokeresete yono yo o godileng semoyeng, mme o tseye tsia kgakololo e a e go nayang. E kete le ka motlha o ka se fularele mafoko a a botlhale a “motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri.”—Diane 1:5; 12:15; 19:20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela