LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 1/1 ts. 30-31
  • Anaanela Dilo Tse di Boitshepo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Anaanela Dilo Tse di Boitshepo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Moshe o Amogela Kabelo e e Kgethegileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 1/1 ts. 30-31

Tsa Basha

Anaanela Dilo Tse di Boitshepo!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Isake, Rebeka, Jakobe le Esau

Tshobokanyo: Esau o rekisetsa lewelana la gagwe e bong Jakobe tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA GENESISE 25:20-34.

Jakobe le Esau e ne e le batho ba ba ntseng jang, tota le fa ba sa ntse ba le mo popelong?

․․․․․

O akanya gore Jakobe le Esau ba ne ba lebega jang fa e sa ntse e le makawana?

․․․․․

Fa o bala ka motlotlo wa ga Jakobe le Esau mo go temana 30 go ya go 33 o akanya gore ba ne ba na le maikutlo afe?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

O dirisa didirisiwa tse o nang le tsone tsa go dira dipatlisiso, batlisisa ka ditshwanelo tse morwa wa leitibolo a neng a na le tsone. Ke ka ntlha yang fa ditshwanelo tseno di ne di le botlhokwa? Go rekisa ditshwanelo tseno ka logodu lwa dikgobe go ne go kaya eng?

․․․․․

2 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA GENESISE 27:1-10, 30-38.

Lentswe la ga Esau fa a sena go utlwa gore morwarraagwe o neilwe masego a tshiamelo ya go nna leitibolo le go bontsha gore o ne a ikutlwa jang?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

A go ne go le phoso gore Rebeka le Jakobe ba dire gore Jakobe e nne ene a segofadiwang? Ke eng fa go ne go le phoso kgotsa go se phoso? (Ntlha e e ka thusang: Bona Genesise 25:23, 33.)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Ditlamorago tse di nnelang ruri tsa go dira ditshwetso tsa go ikgotsofatsa o sa akanyetse diphelelo tsa gone.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

Ke dilo dife tse di boitshepo tse o di neilweng?

․․․․․

O ka bontsha ka ditsela dife tse di tlhomameng gore o tsaya dilo tse di boitshepo di le botlhokwa?

․․․․․

4 KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o bale dikgatiso tse dingwe tsa baebele mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela