LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 8/1 ts. 14-15
  • Lebaka La go Bo Dorekase A ne A Ratiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Dorekase A ne A Ratiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke mo Diatleng Tse di Sireletsegileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Bakeresete Ba a Tlhokana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Jopa—Boemela-kepe jo bo kwa Godimo jwa Bogologolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Solegelwa Molemo Ke go Nna O se Mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 8/1 ts. 14-15

Ruta Bana Ba Gago

Lebaka La go Bo Dorekase A ne A Ratiwa

ROTLHE re batla go ratiwa ke batho. A le wena o ikutlwa jalo?—a Baebele e re bolelela ka Dorekase, mosadi yo o neng a ratiwa thata ke batho ba le bantsi.

Dorekase o ne a nna kwa Jopa, motse o o gaufi le Lewatle la Mediterranean. Jerusalema e ne e le dikilometara di ka nna 56 fela go tswa kwa Jopa. Dorekase e ne e le mongwe wa barutwa ba pele ba ga Jesu.

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Dorekase a ne a ratiwa thata jaana?— Baebele ya re o ne a dira dilo tse dintsi tse di molemo le go aba dimpho tse di molemo. Go lebega a ne a roka diaparo tse dintle a di rokela batlholagadi, ke gore, basadi ba ba neng ba swetswe ke banna. Gape o ne a bolelela batho ba le bantsi ka Modimo wa boammaaruri, Jehofa, fela jaaka Jesu a ne a dirile.

A o itse gore Dorekase o ne a diragalelwa ke eng se se utlwisang botlhoko?— O ne a lwala thata a bo a tlhokafala. Ditsala tsa gagwe tsotlhe di ne di utlwile botlhoko. Ka jalo ba ne ba romela batho bangwe kwa moaposetoloi Petere a neng a nna teng, sekgala sa dikilometara di ka nna 16 go tswa mo motseng oo. Batho bano ba ne ba mo kopa gore a tle ka bonako. Fa Petere a goroga, o ne a ya kwa phaposing e e kwa godimo kwa Dorekase a neng a le teng. Basadi botlhe ba ne ba lela e bile ba mmontsha diaparo tse Dorekase a neng a di ba roketse.

Go tswa foo Petere o ne a laela batho botlhe gore ba tswe mo phaposing eo. Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba dirile dikgakgamatso dingwe pele ga foo, mme ga go ope wa bone yo o neng a kile a tsosa moswi. O akanya gore go tswa foo Petere o ne a dirang?—

Petere o ne a khubama fa thoko ga moswi mme a rapela Jehofa. Go tswa foo o ne a laela Dorekase gore a tsoge. Mme Dorekase o ne a tsoga! Petere o ne a mo naya seatla mme a mo kakatlolola. Morago ga moo o ne a bitsa batlholagadi le ba bangwe mme a ba bontsha Dorekase. A o ka akanya kafa botlhe ba neng ba itumetse ka gone?—

Jaanong a re akanye gore o ka ithuta eng mo kgannyeng eno ya go tsosiwa ga ga Dorekase. Sengwe se o ka ithutang sone ke gore fa o thusa ba bangwe, le wena o tla ratiwa ke batho ba le bantsi. Mme sa botlhokwa le go feta, Modimo o tla go gopola a bo a go rate. Ga a kitla a lebala dilo tse di molemo tse o di direlang batho ba bangwe. Mme o tla dira gore o tshelele ruri o itumetse mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo.

Bala mo Baebeleng ya Gago

  • Ditiro 9:36-43

  • Tshenolo 21:3-5

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela