LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 1/1 ts. 22
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Emela Batho ba Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • O ne A Femela Batho ba Modimo
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esethere
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Esethere O ne A Femela Batho ba Modimo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 1/1 ts. 22

A o Ne o Itse?

Kgosi Ahasueruse wa kwa Peresia yo o umakwang mo bukeng ya Baebele ya Esethere ke mang?

▪ Go ya ka buka ya Esethere, Ahasueruse o ne a tlhopha kgarebane ya Mojuda e bong Esethere gore a nne mohumagadi wa gagwe, mme Esethere o ne a namola batho ba gagabo mo polaong e e neng e rulagantswe. Go ne ga tsaya lobaka lo loleele go na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le gore ke kgosi efe ya kwa Peresia e e neng e bidiwa Ahasueruse. Le fa go ntse jalo, go lebega bothata jono bo ne jwa rarabololwa fa go sena go tlhaloganngwa mekwalo ya dipuo tse tharo e e mo difikantsweng tsa kwa Peresia. Mekwalo eno e dira gore re se ka ra belaela gore Ahasueruse e ne e le Xerxes I, morwa Dario yo Mogolo (Hystaspis). Tsela e leina Xerxes le tlhagelelang ka yone mo mekwalong ya Seperesia, fa le fetoletswe mo Sehebereng, le batlile le tshwana kgo le tsela e le tlhagelelang ka yone mo mokwalong wa Sehebera mo bukeng ya Esethere.

Sengwe le sengwe se se kwadilweng mo bukeng ya Esethere malebana le Ahasueruse se dumalana le tsela eno e a tlhalosiwang ka yone. Kgosi ya Peresia e e neng e busa e le kwa motsemoshateng wa yone kwa Susa (Shushane) kwa Elama, e ne e busa le kgaolo ya Media, mme e ne e busa go tswa kwa India go ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Mediterranean. (Esethere 1:2, 3; 8:9; 10:1) Mokanoki mongwe yo o bidiwang Lewis Bayles Paton a re: “Dilo tseno tsotlhe di diragetse mo go Xerxes, e seng mo kgosing epe e nngwe ya kwa Peresia. Tsela e Ahasueruse a tlhalosiwang ka yone mo Bukeng ya Eset[here] e dumalana sentle le pego ya ga Xerxes e e boletsweng ke Herodotus le borahisitori ba bangwe ba Bagerika.”

Go na le bosupi bofe jwa gore kwa Egepeto wa bogologolo go ne go dirwa ditena?

▪ Buka ya Baebele ya Ekesodo ya re Baegepeto ba ne ba dira gore makgoba a bone a Bahebera a dire ditena. Makgoba a ne a tshwanetse go dira ditena tsa palo e e rileng letsatsi le letsatsi a dirisa seretse sa letsopa le lotlhaka.—Ekesodo 1:14; 5:10-14.

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go dira ditena tse di omisiwang ka letsatsi e ne e le tiro e e botlhokwa kwa Mokgatšheng wa Nile. Difikantswe tsa bogologolo tse di agilweng ka ditena tseo di sa ntse di le teng le gompieno kwa Egepeto. Setshwantsho se se takilweng sa lekgolo la bo15 la dingwaga B.C.E. se se mo loboteng lwa lebitla lwa ga Rekhmire kwa Thebes, yo o ileng a tshela mo e ka nnang ka nako ya ditiragalo tse di begilweng mo bukeng ya Ekesodo, se bontsha gore ditena di ne di dirwa jang.

Buka nngwe ya ditshupiso ya The International Standard Bible Encyclopedia e tlhalosa setshwantsho seo jaana: “Metsi a gelelwa kwa letamong; seretse se kopanngwa ka mogoma se bo se isiwa kwa lefelong le le siametseng gore modiraditena a ka berekela kwa go lone. Seretse seno se katelwa mo foromong ya logong, modiraditena a bo a e gatelela fa fatshe. Go tswa foo foromo e tlosiwa mo seteneng se bo se tlogelwa mo letsatsing gore se ome. Go dirwa ditena tse dintsintsi, mme fa di sena go oma di tlhatlaganngwa go fitlha ka nako e di tla dirisiwang ka yone. Mokgwa ono o sa ntse o dirisiwa kwa Botlhaba jo bo Gaufi.”

Ditlankana tse di farologaneng tsa papirase tsa mileniamo wa bobedi B.C.E. le tsone di umaka gore makgoba a ne a dira ditena, gore go ne go dirisiwa lotlhaka le letsopa la ditena le gore badiri ba ne ba tshwanetse go dira ditena tsa palo e e rileng ka letsatsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Setshwantsho sa leje le le gabilweng sa ga Xerxes (a eme ka dinao) le Dario yo Mogolo (a ntse fa fatshe)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Werner Forman/​Art Resource, NY

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

setshwantsho se se godisitsweng se se mo loboteng lwa lebitla la ga Rekhmire

[Motswedi wa Setshwantsho]

Erich Lessing/​Art Resource, NY

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela