LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 12/1 ts. 15
  • Ke Eng Se se Sa Siamang ka Meetlo ya Keresemose?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se se Sa Siamang ka Meetlo ya Keresemose?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
    Tsogang!—1993
  • Boammaaruri ka Keresemose
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 12/1 ts. 15

BABADI BA BOTSA JAANA . . .

Ke eng se se sa siamang ka meetlo ya Keresemose?

Keresemose e sa le e tsewa e le moletlo wa Bokeresete wa go keteka letsatsi la botsalo la ga Jesu. Le fa go ntse jalo, dilo tse dintsi tse di diriwang ka nako ya moletlo ono, di dira gore re ipotse gore go tlile jang gore di amanngwe le botsalo jwa ga Jesu.

Boammaaruri ke gore, kgang ya Santa Claus ke tlhamane. Santa yo o aparang sutu e khibidu, a le botsalano, a na le ditedu tse ditshweu le marama a mahibidu, o itsiwe e le motho yo o atlegileng mo papatsong ya Keresemose e e diretsweng khampani ya Amerika Bokone ya dino ka 1931. Ka bo1950, baagi bangwe ba kwa Brazil ba ne ba leka go emisetsa Santa Claus ka mogaka mongwe yo o bidiwang Grandpa Indian. Go ne ga felela jang? Porofesa Carlos E. Fantinati a re Santa Claus ga a ka a fenya Grandpa Indian fela, gape “o ne a fenya le losea Jesu mme ya nna ene yo o gopolwang ka moletlo wa December 25.” A mme ditlhamane tse di jaaka Santa Claus ke tsone fela bothata ka Keresemose? Go bona karabo, a re ikgopotseng sengwe ka Bakeresete ba bogologolo.

Santa Claus a belege beke e kgolo mo mokwatleng

Buka ya Encyclopedia Britannica ya re: “Ka makgolo a ntlha a mabedi a dingwaga a Bokeresete, go ne go ne go na le kganetso e e maatla ka go keteka malatsi a botsalo a baswelatumelo, tota le la ga Jesu.” Goreng? Ka gonne Bakeresete ba ne ba tsaya go keteka malatsi a botsalo e le moletlo wa boheitane—sengwe se se tshwanetseng go tilwa gotlhelele. Tota e bile, Baebele ga e umake sepe ka letlha le Jesu a tshotsweng ka lone.

Ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E., Kereke ya Katoliki e ne ya dira gore go ketekiwe Keresemose, go sa kgathalesege matsapa a a tserweng ke Bakeresete ba bogologolo go nna kgatlhanong le go ketekiwa ga malatsi a botsalo. Kereke e ne e batla go inonotsha ka go fedisa nngwe ya dikgoreletsi tse dikgolo tsa yone—go anama ga dikereke tsa boheitane tsa Baroma le meetlo ya tsone e e kgethegileng ya mariga. Buka ya Christmas in America e e kwadilweng ke Penne L. Restad, ya re ngwaga le ngwaga, go tloga ka December 17 go ya go January 1, “bontsi jwa Baroma ba ne ba ja, ba tshameka, ba ipela, ba bina ka mananeo le go tsenelela mo meletlong e mengwe fa ba tlotla medingwana ya bone.” Mme ka December 25, Baroma ba ne ba keteka botsalo jwa Letsatsi Le le Ka se Fenngweng. Go dira gore Keresemose e nne ka lone letsatsi leo, kereke e ne ya tlhotlheletsa Baroma ba le bantsi gore ba keteke botsalo jwa ga Jesu go na le botsalo jwa letsatsi. Buka ya Santa Claus, a Biography, e e kwadilweng ke Gerry Bowler ya re, Baroma “ba ne ba sa ntse ba itumelela mekgabisa ya meletlo eo e e neng e dirwa mo bogareng jwa paka ya mariga.” Tota e bile, “ba ne ba keteka meletlo e mesha ba dirisa ditsela tsa bogologolo.”

Ka jalo, go a bonala gore bothata jo bogolo ka meletlo ya Keresemose ke tshimologo ya yone e e sa siamang. Mo bukeng ya The Battle for Christmas, Stephen Nissenbaum o tlhalosa Keresemose e le “moletlo wa boheitane o o iphitlhileng ka Bokeresete.” Ka jalo, Keresemose e tlontlolola Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete. A eno ke kgang e e sa reng sepe? Baebele ya re: “Gonne tshiamo e ka utlwana jang le tshiamololo? Lesedi le ka kopana jang le lefifi?” (2 Bakorintha 6:14, Tswana Central) Fela jaaka kutu e e sokameng ya setlhare, Keresemose le yone ke moletlo o o sokameng o o ka ‘se tlhamaladiweng.’—Moreri 1:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela