Dikitsiso
● Mpho ya buka ya February: Go Falolela mo Lefatsheng Je Lesha ka moneelo wa R2,50. (Diphuthego di ka nna tsa otora dibuka tsa mpho e e kgethegileng kwa Mokgatlhong.) March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R7,50. Buka e nngwe eo e ka dirisiwang jaaka mpho ke ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, ka moneelo wa R3,75. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R16,00.
● Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse ba boeletsa tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape bao ba nang le bothata jwa go fitlhelela dioura tse di batlegang, bagolwane ba tshwanetse gore ba rulaganyetse gore ba thusiwe. Go bona dikakantsho, boeletsang makwalo a Mokgatlho (S-201) a October 1, 1989, le October 1, 1990. Bona gape dirapa 12-20 tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.
● Malebana le tirelo ya bobulatsela, go neetswe dikgakololo tse di latelang:
○ Fa mmulatsela wa ka metlha a tlogela tirelo ya bobulatsela Komiti ya Phuthego ya Tirelo e tshwanetse ya tlatsa foromo ya “Notification for Discontinuing Regular Pioneer Service” (Tsebiso ea Ho Tlohela Tsebeletso ea Bopula-Maliboho ba Kametlha) (S-206). Tsweetswee busetsang karata ya “Pioneer Service Identification” (Boiponahatso ba Tsebeletso ea Bopula-Maliboho) (S-202) e na le foromo ya S-206 kwa Mokgatlhong. Fa lo sena diforomo tseno tsweetswee otorang di sekae kwa Mokgatlhong.
○ Go tshwanetse ga dirwa kitsiso mo phuthegong fa mmulatsela wa ka metlha a tlogela tirelo ya gagwe ya bobulatsela. Kitsiso e khutshwanyane e ka nna ya dirwa fela jaana: “Seno ke go itsise phuthego gore [leina la mmulatsela] ga a tlhole a direla jaaka mmulatsela wa ka metlha.”
○ Patlafalo ya ngwaga le ngwaga ya babulatsela e santse e le dioura di le 1 000.
○ Motho o tshwanetse a bo a feditse ngwaga e e tletseng e le nngwe morago ga gore a kgalemelwe ke komiti ya boatlhodi kana a buseditswe pele ga a ka sekasekelwa go nna mmulatsela yo o thusang kana wa ka metlha.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya August 1986, dirapa 21 le 23.
● Ka nako ya loeto lwa molebedi wa potologo, go tla tshwarwa fela Sekolo se le sengwe sa Bodihedi sa Bolegodimo. Mongwe le mongwe o tshwanetse a nna a ntse a le mo holong e kgolo go reetsa thulaganyo yotlhe ya maitseboa ao.
● Mokete wa Segopotso o tla tshwarwa ka Matlhatso, March 30, 1991. Lemororo puo e ka nna ya simolola e sa le pele, tsweetswee gakologelwang gore go tsamaisiwa ga senkgwe sa Segopotso le beine ga go a tshwanela go simolola go fitlhela morago ga letsatsi le sena go dikela. Botsa mo metsweding ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore lo bone gore letsatsi le phirima leng mo lefelong la lona. Ga go na dipokano dipe kwa ntle ga ya tirelo ya tshimo tseo di tshwanetseng tsa tshwarwa mo letsatsing leo. Diphuthego tseo di nang le dipokano tseo di tshwarwang ka metlha ka Matlhatso di tshwanetse tsa rulaganyetsa gore dipokano tseo di tshwarwe ka letsatsi le lengwe fa go kgonega. Ga go kitla go nna le phetogo epe mo thulaganyong ya dipokano tsa Sontaga.
● Setlhogo sa puo e e kgethegileng ka April 7, 1991 e tla nna: “Go Nna Gone ga ga Mesia le Puso ya Gagwe.”
● Baboledi bao ba ratang go nna babulatsela ba ba thusang ka March le April ba tshwane tse ba dira dithulaganyo jaanong mme ba tlise diforomo tsa bone tsa kopo e santse e le nako. Seno se tla thusa bagolwane gore ba dire dithulaganyo tseo di tlhokafalang tsa tirelo ya tshimo mme ba nne le dibuka tse di lekaneng mo go bone.
● Diphuthego di kopiwa gore di romele diotoro tsa dikaelo tse di oketsegileng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tseo di tla dirisiwang ka April, go kopanyeletsa le letsatsi le le kgethegileng tsa dimakasine ka April 6. Diotoro tseno di tshwanetse tsa neelwa ka February 15 kana ka bonakonyana fela morago ga moo.
● Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora 1991 Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Baboledi le babulatsela, tsweetswee otorang di-Yearbook tsa lona ka phuthego ya lona. Diphuthego di tshwanetse tsa romela diotoro tsa tsone kwa Mokgatlhong di dirisa foromo e e tlwaelegileng ya “Literature Order” (S-14). Di-Yearbook di tla nna gone ka Seesemane, Sejeremane, Segerika, Setadiana, le Sepotokisi. Go fitlhelela di-Yearbook di nna gone le go romelwa, di tla tlhagelela jaaka “Will send later” (“Li tla romeloa”) mo tshupasekolotong ya phuthego. Di-Yearbook ke dilwana tse di laolwang tsa setoko mme di tla duedisiwa mo akhaontong ya dibuka ka R2,60 e le nngwe, eo eleng tlhwatlhwa ya baboledi le batho botlhe. (Bona Cost List Instructions, dirapa 19-21.) Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng bao ba kwadisitseng bobulatsela go feta dikgwedi di le thataro ba ka nna ba amogela sekaelo sa mahala seo phuthego e ka kopang phokoletso ya sone mo foromong ya “Remittance and Credit Request” (S-AB-20). Babulatsela ba ka nna ba amogela dikaelo tse di oketsegileng ka R1,30 se le sengwe.
● Dikgatiso Tse Disha Tse Di Gone:
Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo (phuthego le batho botlhe: R3,75; babulatsela: R2,00)—Seburu, Se-China, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Segerika, Setadiana, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?—Searabia
Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? (phuthego le batho botlhe: R0,75; babulatsela: R0,40)—Seburu, Se-China, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Segerika, Setadiana, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu
How to Find the Road to Paradise (pampitshana ya ditsebe di le nne eo e lekanang le makasine eo e kwaletsweng Bamoselema; phuthego, batho botlhe, le babulatsela: R0,02)—Seesemane
Pampitshana No. 15—Se-Russia
● Dikhasete Tse Dis̆ha Tse Di Gone:
Preserving Life in Time of Famine—Terama (khasete e le nngwe; phuthego le batho botlhe: R6,50; babulatsela: R5,75)—Seesemane
● Tse Di Leng Gone Gape mo Afrika Borwa:
“All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” Tokololo ya 1990 (phuthego le batho botlhe: R8,00; babulatsela: R5,20)—Seesemane
● Mokgatlho o ntshitse borouts̆hara e nts̆ha eo e nang le ditsebe di le 32 ka Seesemane eo e dirilweng ka mo go kgethegileng go thusa batho bao eleng Bahindu gore ba tlhaloganye boammaaruri. Setlhogo sa yone ke se se reng Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? Diphuthego tseo di nang le batho bao ba buang Seesemane bao eleng Bahindu mo tshimong ya bone ba ka nna ba eletsa go kopa DI SEKAE FELA tsa borouts̆hara eno. Fa e nna gone ka dipuo tse dingwe, go tla dirwa kitsiso.