Dikitsiso
● Mpho ya buka ya May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R16,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tswang gangwe fela ka kgwedi le dipeeletso tsa dikgwedi di le thataro tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,00. June: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R3,75. July le August: Epe fela ya diborouts̆hara tse di latelang tse di nang le ditsebe di le 32 ka moneelo wa disente di le 75 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” le Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!
● Fa mmoledi wa Bogosi a sekisiwa malebana le gore ke mang yo o tshwanetseng go neelwa bana, tlhalo, kana ditshwanelo tsa go etelelana le bana, go na le makwalo a a malebana le ditshwetso tseo di tserweng ke kgotlatshekelo le tshedimosetso malebana le tshwanelo eo Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone ya go tlhokomela bana ba bone le go etelwa ke bone. Setlhopha sa bagolwane se ka nna sa amogela tshedimosetso eno go tswa mo Mokgatlhong. Fa a amogela tshedimosetso eno, mmoledi yono a ka nna a rata go duela Mokgatlho ditshenyegelo tsa thomelo. Makwalo ano a na le ditshwetso le dintlha tsa dikgetsi tsa Amerika tseo di tshwanetseng tsa neelwa mmueledi wa motho yoo pele ga kgetsi eno e ya kwa kgotlatshekelo e le gore mmueledi yono a ipaakanyetse go lebana le kgang nngwe le nngwe eo e ka tsogang. Setlhopha sa bagolwane ga se a tshwanela go kopa tshedimosetso eno gore se e beye mo difaeleng tsa bone mme se tshwanetse sa kopa tshedimosetso eno fa kgetsi eno e tsweletse.
● DIKOPANO TSA KGAOLO: Re itumelela go lo neela matlha, mafelo, dipuo le dipotologo tseo di abetsweng go ya kwa Dikopanong tsa rona tsa Kgaolo tsa “Batho ba ba Ratang Kgololesego” tsa 1991.
September 27-29: Windhoek (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Seburu le Seesemane), Potologo 1A ya Namibia.
October 4-6: Ongwediva (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Sekwanyama le Sendonga, Sepotokisi), Potologo 1B ya Namibia.
October 11-13: Durban (Seesemane, Sezulu), Dipotologo 4, 8, 51, 28, 29, 30, 31 (karolo ya Sezulu), 45A.
Newcastle (Sezulu), Dipotologo 22A (kafa Botlhaba), 23, 27, 42 (kafa Bokone), 45B.
Empangeni (Sezulu), Dipotologo 24, 25, 26, 42 (kafa Borwa).
November 29–December 1: St. Helena (Seesemane).
December 13-15: Thulamahashe (Setsonga), Dipotologo 17, 18, 20.
Gaborone, Botswana (Seesemane, Setswana), Potologo 1 ya Botswana.
Bloemfontein (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Seburu le Seesemane, Sesotho), Dipotologo 41, 21, 52, 53 (kwa ntle ga Carletonville le Fochville).
December 20-22: Cape Town (Seburu, Seesemane, Sexhosa), Dipotologo 6, 10, 38, 48.
Gauteng (Seburu, Seesemane, dingwe ka Segerika, Sepotokisi, Sesotho, Sezulu), Dipotologo 1, 2, 7A, 11, 12, 13, 40C, 49, 53 (Carletonville le Fochville fela).
Lebowa-Kgomo (Sepedi, dingwe ka Sevenda), Dipotologo 17 (Dikarolo tsa Sevenda, Sepedi), 19, 46.
Mafikeng (Tswana), Dipotologo 14, 39, 47.
Maputo (Sepotokisi, Setsonga).
Mdantsane (Sexhosa), Dipotologo 34A, 36, 37, 43.
Port Elizabeth (Seburu, Seesemane), Dipotologo 5, 9.
December 27-29: Kanyamazane (Zulu), Potologo 18, 19, 20 (dikarolo tsa Sezulu).
Manzini (Sezulu, dingwe ka Seesemane), Dipotologo 1, 2 tsa Swaziland.
Maseru (Sesotho, dingwe ka Seesemane), Dipotologo 1, 2 tsa Lesotho.
Pretoria (Seburu, Seesemane, thulaganyo ya dipuo di le tharo ka Sepedi/Sesotho/Setswana, Sezulu), Dipotologo 3, 7B, 15, 16A le B, 19 (karolo ya Setswana), 40A le B, 50, 22B (kafa Bokone).
January 3-5, 1992: Umtata (Sexhosa), Dipotologo 31 (Sexhosa), 32, 33, 34B, 35, 44.
● Dibuka Tse Disha Tse Di Gone:
Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela—Sendonga