Letlole la Dipotso
● Re ka bontsha jang maitseo a Bokeresete fa re ya kwa Thutong ya Buka ya Phuthego?
Gantsi baagelani ba rona ba re tlhokometse, ebile ka dinako tse dingwe ba tla bua sengwe ka tsela eo re itshwarang ka yone tota le eleng le go dira sengwe ka gone. (Bapisa 1 Bakorintha 4:9.) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re batla gore seo ba se buang le tsela eo ba arabelang ka yone ka tsela eo re itshwarang ka yone e nne tse di molemo. (1 Pet. 2:12) Seno se ntse jalo malebana le seo re se dirang mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Ereka di le dintsi tsa tsone di tshwarelwa mo matlong a batho, go tshwanetse ga nniwa kelotlhoko gore maitseo a rona a bonale sentle mo go sengwe le sengwe seo re se dirang. Fa lefelo leo go emisiwang dijanaga mo go lone le le lennye, ke ka ntlha yang fa lo sa dire dithulaganyo tsa gore lo dirise sejanaga sa a le mongwe fela ka go di fapaanya e le gore lo thibele go tshwenya go go sa tlhokafaleng mo baagelaning ba fa go tshwarelwang thuto ya buka gone? Lorato lwa rona mo baagelaning ba rona lo tla re dira gore re se ka ra emisa kara ya rona ka go sa akanyetse ka tsela eo e ka nnang ya mo kgoreletsa kana ya mo tshwenya.
Re itumelela go kopana mmogo ka metlha, mme seno gantsi se felela ka go tlotla thata pele ga pokano le morago ga yone. (Mika 2:12) Maitseo a mantle le go akanyetsa ba bangwe di tla dira gore re tlotle ka go buela kwa tlase. (Math. 7:12; Bagal. 6:10) Lorato lwa Bokeresete le lone lo tla re tlhotlheletsa gore re thibele bana ba rona gore ba se ka ba taboga kwa ntle le gore ba se ka ba senyetsa ba bangwe ditsabone. (Dia. 29:15; 1 Bakor. 13:4, 5) Seno se akaretsa go itshwara ka tsela e e tlotlegang mo ntlong eo thuto ya buka e tshwaretsweng mo go yone. Fa go bonwa go itshwara ka tsela epe fela e e sa siamang, bagolwane ga ba a tshwanela go senya nako go neela kgakololo epe fela e e lorato le e e tlhomameng e le gore mathata a se ka a tsoga ao a tla feleletsang ka gore baagelani ba ngongorege, e le mathata a a amang mong wa ntlo yo o butseng ntlo ya gagwe go re amogela gore re ithutele mo go yone, kana ga baka mathata mo go bao ba nnang gone kwa thutong eo ya buka.