Kafa go Ka Berekanwang ka Gone le Dikopo Tseo Di Dirwang ka Diforomo
E setse e le dikgwedi di le mmalwanyana jaanong Mokgatlho o sa supe moneelo wa dibuka tse di phasaladiwang mo foromong e e mo tsebeng e e kafa morago ga dimakasine tsa rona. Lebaka la konokono ke ka gonne go na le dinaga di le mmalwa mo lefatsheng tseo di dirisang thulaganyo ya meneelo fa go tsamaiswa dibuka. Mo thulaganyong eno ya meneelo ga go bolelwe tlhotlhwa ya moneelo fa go buiwa le beng ba matlo. E le gore dikgatiso tsa rona di tshwane, ditlhotlhwa tsa meneelo ga di sa tlhole di gatisiwa.
Mo karolong eno ya tshimo ga re kafa tlase ga thulaganyo eno ya meneelo. Ka jalo fa diforomo di romelwa kwa Mokgatlhong, di romelwa kwa phuthegong eo motho yoo a nnang mo tshimong ya yone. Phuthego e kopiwa gore e rulaganye gore mongwe a ise kgatiso eo kwa mothong yo o rometseng foromo eno kwa Mokgatlhong, mme a bo a e tsamaisa jaaka fa re tlwaetse go dira mo bodiheding jwa tshimo, a bolela tlhotlhwa ya moneelo wa buka eo kana makasine oo.
Ke mo mabakeng a se kae fela a go ileng ga thulanwa le mathata fa go iwa kwa bathong ba ba ntseng jalo koo motho a neng a bolela gore go ne go sa supiwa tlhotlhwa mo foromong. Fa seno se ka diragala, ka botlhale re ka bolela gore foromo ga e a re buka eo e ne e tla fiwa “mahala.” Batho ba ba pelonomi ba tlhaloganya gore go tlhagisa dilwana tse di ntseng jalo go lopa madi mme ba ka itumelela go ntsha moneelo o o tla thusang mo go seno. Mo mabakeng a mangwe a a mmalwa thata, fa go lemotshega gore motho eleruri o na le kgatlhego mme a ka se ke a kgone go reka kgatiso eno, kwantle ga pelaelo re ka batla go duela tlhotlhwa eo ka borona re bo re mo fa kgatiso kana makasine oo mahala. Ka go dira jalo re tla bo re dira karolo ya rona gore re fe botlhe tshono ya go ‘tsaya metsi a botshelo kwantle ga theko.’—Tshen. 22:17.