Dikitsiso
● Mpho ya buka ya ka July le August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tseo di nang le ditsebe di le 32 ka moneelo wa disente di le 75 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, Leina la Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” le Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R7,50. Dibuka tse dipotlana ke R3,75. October: Dipeeletso tsa Tsogang! kana Tora ya Tebelo kana dimakasine tseno ka bobedi ka moneelo wa R16,00 nngwe le nngwe mo ditokololong tse di tlang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tlang gangwe fela ka kgwedi le tsa dikgwedi tse thataro tsa ditokololo tse di tlang gabedi ka kgwedi ke R8,00.
● Diphuthego tse di batlang go fetola dithulaganyo tsa tsone tsa dipokano di tshwanetse tsa dira jalo ka September 1. Go tshwanetse ga dirwa thulaganyo e ntšha mme ya itsisiwe diphuthego. Diphuthego tsotlhe di tshwanetse tsa itsise Mokgatlho ka ga dithulaganyo tsa tsone tse disha tsa dipokano mme e se ka ya nna morago ga August 6.
● Tshobokanyo ya Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke ya kopano e tla bo e le gone mo thulaganyong ya Kopano ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego.” Ka jalo, bakaulengwe ga ba ne ba latlhegelwa ke dijo tsa semoya tseo di rulaganyeditsweng beke eo ba tla bong ba le mo kopanong ka yone. Botlhe ba kgothalediwa gore ba lebe mo dikaelong tsa bone tsa Tora ya Tebelo fa sebui se ntse se tsweletse.
● Ereka kopano ya monongwaga e tla bo e le ya malatsi a le mararo, ga go tlhokege gore Thuto ya Buka ya Phuthego ya beke ya kopano e se ka ya tshwarwa.
● Diphuthego di gakololwa gore di otore diforomo tse di lekaneng tseo di tla dirisiwang ka ngwaga wa tirelo wa 1992. Diforomo tseno ga di a tshwanela go dirisiwa botlhaswa. Di tshwanetse tsa dirisiwa fela mo go seo di se diretsweng.
● Dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 1991 di tshwanetse tsa otoriwa mme di tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ka tlhotlhwa ya disente tse 5 betšhe nngwe le nngwe. Diphuthego tseo di senang akhaonto kana tseo di nang le sekoloto di tshwanetse tsa romela madi mmogo le otoro. Tsweetswee otorang ka dipalo tseo di ka kgonang go atisiwa ka 20 fa go kgonega. Dibetšhe di teng ka Seburu, Seesemane, Sepotokise, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Tsweetswee otorang kwantle ga tiego epe.
● Tsweetswee tlhokomelang: Pele phuthego e batla setsha sa Holo ya Bogosi e tshwanetse ya ikgolaganya le Komiti e e Agang ya Kgaolo. Komiti eno gape e tshwanetse ya nna le seabe pele ga go ka diriwa dipolane tsa bofelo tsa go aga, bogolo jang fa go adimiwa madi go tswa kwa Mokgatlhong.
● Dibuka Tse Disha Tse Di Gone:
Insight on the Scriptures, Bolumo 2 (phuthego le batho botlhe: R18,25; babulatsela: R15,50)—Setadiana