LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/91 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 10/91 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya October: Peeletso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo kana dimakasine tseno ka bobedi ka moneelo wa R17, 00 nngwe le nngwe mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tswang gangwe fela ka kgwedi le tsa dikgwedi tse thataro tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8, 50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R2, 60. December: Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela ka moneelo wa R8, 00. January le February: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R2, 60

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1992 le otoro ya bone ya ka metlha ya dibuka go simolola ka November 1. Dibukana tseno di tla bo di le teng ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setadiana, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, le Sezulu. Go fitlha dibuka tseno di nna gone di bo di romelwa, di tla tlhagelela jaaka “Will Send Later” mo ditshupamolatong tsa phuthego. Dibukana tsa Go Lotolotsa mo Dikwalong ke dilwana tsa setoko tse di laolwang mme di tla duedisiwa mo akhaontong ya dibuka ka 85c e le nngwe, eo e leng tlhwatlhwa ya baboledi. Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng bao ba tsereng bobulatsela pele ga July 1, 1991, ba ka nna ba amogela sekaelo se le sengwe sa mahala mme ba amogela tse dingwe ka 55c e le nngwe. Diphuthego tseo di senang diakhaonto le Mokgatlho kana tseo di nang le tlhaelo mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotoro tsa tsone. Go tshwanetse ga kwalwa ka go sele mo foromong ya Tefello le Kopō Ea Phokoletso (S-AB-20) go bontshiwa dikaelo tsa mahala tseo di neetsweng babulatsela. Re kgothaletsa gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le nne le sekaelo sa bukana eno. Di tshwanetse tsa otoriwa ka phuthego.

◼ Re gakolola DIPHUTHEGO TSOTLHE gore ka tsweetswee di otore dikarata tsa “Medical Document” le “Identity Card” ka bofefo jo bo ka kgonegang ka foromo e e tlwaelegileng ya “Literature Order” (S-AB-14). Diphuthego tseo di nang le tlhaelo mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotoro tsa tsone. Dikarata tseno ke 5c e le nngwe. Tsweetswee lo se ka lwa aba dikarata tseno, mme lo di beye go fitlha lo amogela dikaelo tse di oketsegileng go tswa kwa Mokgatlhong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela