Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka July: Nngwe fela ya diboroutšhara tse di latelang: Itumelele Botshelo mo Lefatsheng Ka Bosakhutleng!, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise ka moneelo wa disente tse 80 e le nngwe. August: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00. September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. Dibuka tse dipotlana tsa yone ke R4,00. October: Peeletso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo kana tsoopedi ka moneelo wa R17,00 e le nngwe mo ditokololong tseo di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga e le nngwe ya ditokololo tseo di tswang gangwe ka ngwaga le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tseo di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50.
◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla bo ba neela puo ya phatlalatsa e e reng “Go Itlhapisa mo Masweng Otlhe a Lefatshe.”
◼ Foromo ya Kabelo ya Tshimo E E Sa Abiwang (S-91) ga e tle go tlhola e dirisiwa go bega tiro ya tshimo ya diphuthego tseo di berekang tshimo e e sa abiwang. Ka gone, tiro eo baboledi ba e dirang kwa tshimong e e sa abiwang e tla begiwa mmogo le tirelo eo ba e dirileng mo dikabelong tsa ka metlha tse di tlwaeleging. Re tla itumelela go amogela maitemogelo a a kgatlhisang malebana le letsholo leno.