Go Tshela ka Mogopolo o o Lekalekaneng le ka Tshiamo
1 Re tshela mo lefatsheng leo le nang le tlhotlheletso e e maatla ya boikepo. Ditekanyetso tsa tsamaiso eno di ntse di senyegela pele. (2 Tim. 3:3) Jaaka Bakeresete, re tshwanetse ra emela se se siameng re bo re tlhaloganye lebaka la go bo re tshwanela go tswelela pele re dira jalo. Mme lefa go ntse jalo ke kaelo efe eo e leng teng? Ke ditekanyetso dife tseo re tshwanelang go di latela? “Go Tshela ka Mogopolo O O Lekalekaneng le ka Tshiamo” ke setlhogo se se kgothatsang se se tlhophetsweng thulaganyo ya rona ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 1993.—Tito 2:12.
2 Re tlile go thusiwa ke dipuo, dipontsho, le maitemogelo, go ithuta kafa re ka inonotshang ka gone gore re lwantshe boikepo le go ila dikeletso tsa lefatshe. Gape re tlile go bona kafa go ka kgonegang ka gone gore motho a tshele a na le mogopolo o o lekalekaneng le ka tshiamo mo tsamaisong eno e e boikepo. Re tlile go bontshiwa dilo tseo re tlamelwang ka tsone go re thusa go sireletsa megopolo ya rona. (1 Pet. 4:7) Batsadi le basha ba tla rata segolobogolo go reetsa dipuo le dipotsolotso tsa thulaganyo ya thapama. Dipuo le dipotsolotso tseno di tlile go otlelela kafa go tlhokegang ka gone gore re nne le botlhale jwa bomodimo mmogo le boitemogelo le go dira mmogo go dira gore re nne le isagwe e e itumedisang ya bolegodimo.
3 Lemororo re dikologilwe ke lefatshe le le boikepo, Lefoko la Modimo le re laela ka tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe eo re tshwanetseng ra e latela. Melemo ya go reetsa kgakololo ya Bibela e tlile go bontshiwa mo puong e e reng “Anaanela Ditshegofatso Tseo O Nang le Tsone mo Lefatsheng Leo Le Senang Boitumelo.” Fa re ntse re dira dithulaganyo tsa gore re nne teng kwa go yone, re rata go gakologelwa gore go reetsa thulaganyo le go dirisa kgakololo go tla re kgonisa gore re nne le katlego e e oketsegileng mo tirelong ya rona go Jehofa.—Bafil. 3:15, 16.