Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. Dibuka tse dipotlana tsa yone ke R4,00. October: Peeletso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo kana tsoopedi ka moneelo wa R17,00 e le nngwe mo ditokololong tseo di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga e le nngwe ya ditokololo tseo di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tseo di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R2,60. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00. ELANG SENO TLHOKO: Diphuthego tseo di sa ntseng di ise di otore dilwana tsa letsholo la tshimo tseo di umakilweng fa godimo di tshwanetse tsa dira jalo mo foromong ya tsone e e latelang e leng foromo ya kgwedi le kgwedi ya Literature Order (S-AB-14).
◼ Mo tokololong ya August ya Tirelo ya Rona ya Bogosi re ile ra gakolola babulatsela gore ba ka bona dibuka, dimakasine, le dipeeletso ka ditlhotlhwa tsa babulatsela fela fa e le tseo ba tlileng go di dirisa bone ka namana eseng go di tseela ba malapa a bone kana ditsala. Tsweetswee elang tlhoko gore babulatsela ba ba thusang ba ka bona fela dimakasine le dipeeletso ka ditlhotlhwa tsa babulatsela ebile tota e le mo kgweding e ba tsereng tiro ya bobulatsela jo bo thusang ka yone fela. Babulatsela ba ba thusang ga ba bone dibuka tse dingwe ka ditlhotlhwa tsa babulatsela.
◼ Diphuthego tse di berekang tshimo e e sa abiwang di ile tsa amogela lenane la dikgatiso tse dikgologolo tseo di tshwanetseng tsa dirisiwa mo letsholong la tshimo. Ka tsweetswee diphuthego tseno di tshwanetse tsa ela tlhoko se se latelang: Ke fela mo letsholong la tshimo mo tlhotlhwa ya dikgatiso tseno e tla bong e le disente tse 60 go babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng. Go babulatsela ba ba thusang le baboledi tlhotlhwa ya tsone e tla bo e le R1,00 nngwe le nngwe. Bukana ya Meya E E Sa Bonaleng e ka se bonwe ka tlhotlhwa e e fokoditsweng. Diphuthego di ka kopa phokoletso go nngwe le nngwe ya dikgatiso tseno ka go dirisa foromo ya Remittance and Credit Request (S-AB-20).
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse a tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bonako jo bo ka kgonegang fela morago ga moo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.
◼ Ka Matlhatso, October 10, 1992, legae la Bethele le feketiri di tla bo di tswetswe fa go phepafadiwa, ka jalo go tla bo go sena dithulaganyo tsa go tsamaisiwa go bona dikago.
◼ Go botlhokwa gore ditlhopha tsa batho ba le 15 kana go feta ba ba rulaganyetsang go etela dikago tsa Mokgatlho kwa Roodekrans ba inaakanye pele le Ofisi ya Bethele go dira dithulaganyo tsa go tsamaisiwa go bona dikago. Re maswabi gore MOKGATLHO O KA SE KGONE GO LE NAYA MAROBALO KANA GO A LE RULAGANYETSA. KA TSWEETSWEE ITIRELENG DITHULAGANYO.
◼ Baboledi ba ba rulaganyang go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka October ba tshwanetse go tlisa dikopo tsa bone fa go santse go na le nako. Seno se tla naya bagolwane sebaka sa go dira dithulaganyo tse di tlhokegang mabapi le dibuka mmogo le tshimo. Baboledi botlhe ba ba santseng ba tsena sekolo ba kgothalediwa go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka October ereka jaana dikolo di tla bo di santse di tswetswe mo masimologong a kgwedi eno.
◼ Bagolwane ba gakololwa go latela kgakololo e e neetsweng go ditsebe 21-3 go Tora ya Tebelo ya April 15, 1991 e e buang ka batho bape fela ba ba kgaotsweng kana ba ba itomolotseng bao ba ka tswang ba na le keletso ya go boela mo phuthegong.
◼ Mo ditsebeng 103-4 tsa Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, go neetswe kaelo malebana le gore ke eng se se ka akarediwang fa go begiwa diura tsa tirelo ya tshimo. Ba bangwe ba ile ba ipotsa gore a e ka ne mmoledi yo o tolokelang sebui se se nayang puo ya phatlalatsa a ka bala nako le ene. Ee, sebui mmogo le motoloki ba ka akaretsa nako e ba e sentseng mo dipegong tsa bone tsa tirelo ya tshimo.
◼ DIKOPANO TSA KGAOLO: Tsweetswee elang tlhoko phetogo e e latelang ya matlha a kopano ya Durban:
December 25-27, 1992:
Durban (Seesemane, Sezulu).
◼ Dikgatiso Tse Disha Tseo Di Leng Gone:
Sekalaka: Meya E E Sa Bonaleng—A Ea Re Thusa Kana Ea Re Gobatsa?
◼ Didisekete Tse disha Tse Di Leng Gone:
Ka Seesemane: New World Translation of the Holy Scriptures—With References (Sete ya didisekete tse nne tsa selekanyo sa 5 1/4” tsa di-megabyte tse 1,2. Phuthego le batho botlhe: R40,00; babulatsela: R33,00. Sete ya didisekete tse supa ya selekanyo sa 3 1/2” ya di-kilobyte tse 720 ga e ise e nne gone.)
◼ Tseo Di Leng Gone Gape mo Afrika Borwa:
Faele ya kase ya dimakasine.