Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ya December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R2,60. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,00. March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R8,00 kana Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka moneelo wa R4,00.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe fela yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse a tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako fela morago ga moo.
◼ Segopotso sa ngwaga wa 1994 se tla tshwarwa ka Matlhatso, March 26, morago ga letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno ya letlha la mokete wa Segopotso sa ngwaga wa 1994 e dirwa go sale gale gore bakaulengwe ba tle ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang kana gore ba hire diholo dingwe tse di leng gone fa e le gore go na le diphuthego di le dintsi thata tseo di dirisang Holo e le nngwe fela ya Bogosi mme ba tlhoka mafelo a mangwe a ba ka se tshwarelang kwa go one.
◼ Go simolola ka tokololo ya January 8, 1993, kgatiso ya makasine wa Tsogang! e e tswang gangwe fela ka kgwedi e tla bo o gatisiwa ka Setsonga. Diphuthego di kgothalediwa go romela Otoro ya Tse Di Abiwang (M-202) le dipeeletso ka bonako.
◼ Nako le nako re tlhoka diaparo le ditlhako tse di santseng di le mo boemong jo bo siameng tse di ka apolelwang bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo Afrika Borwa le kwa dinageng tse di gaufi le yone. Diaparo tse di mosola tse di apolelwang ke batho tse di mo boemong jo bo siameng di ka romelwa kwa Mokgatlhong di le mo dipolasetekeng kana mo mabokosong a a tswetsweng sentle. Tsweetswee fa o romela diaparo tsa banna, basadi, le bana o di tsenye mo dikgetsing tse di farologaneng o bo o kwala sentle mo go nngwe le nngwe ya tsone gore e tshotse eng.
◼ Bagolwane le/kana batlhanka ba bodihedi ba ba buang puo ya Sevenda bao maemo a ba dumelelang ba kgothalediwa gore ba boele kwa Venda mmogo le malapa a bone. Go na le bontsi jwa bakaulengwe ba ba ntseng jalo ba ba bileng ba na le magae le dithoto kwa Venda bao ba ka kgonang go boela koo mme ba thuse mo tirong ya go rera le ya go kgothatsa diphuthego.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Gujarati: Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? (e diretswe Bahindu; phuthego le batho botlhe: disente di le 80; babulatsela: disente di le 40). Hindi: Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? (e diretswe Bahindu; phuthego le batho botlhe: disente di le 80; babulatsela: disente di le 40).