Dikitsiso
◼ Buka e e tsamaisiwang ka February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. Dibuka tse dipotlana ke R4,00. March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R8,00 kana Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka moneelo wa R4,00. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50.
◼ Re rata go leboga diphuthego ka kgato e di e tsereng malebana le lekwalo la rona la May 15, 1991, le le mabapi le go tshwarwa ga dipeeletso. Palo ya dipeeletso tse di sa amogelwang tse di mo faeleng ya rona e ile ya wela kwa tlase ka halofo ya palo eo re neng re na le yone pele fa re ne re lo romelela lekwalo. Re rata go lo akgolela maiteko a lona a a ikanyegang mme re lo kgothaletsa go tswelela pele lo latela dikgakololo tse di mo lekwalong leno. Tsweetswee elang tlhoko thata go kwala puo mo pampitshaneng nngwe le nngwe, ereka seno gantsi se lebalesega.
◼ Moletlo wa Segopotso o tla tshwarwa ka Labobedi, April 6, 1993. Le mororo puo e ka nna ya simolola go sale pele, tsweetswee gakologelwang gore senkgwe le beine tsa Segopotso ga di a tshwanela go tsamaisiwa letsatsi le ise le phirime. Botsa mo metsweding ya tshedimosetso ya mo kgaolong ya lona gore lo tle lo kgone go itse gore letsatsi le phirima leng mo karolong ya lona. Ga go na dipokano dipe tse di tshwanetseng tsa tshwarwa mo letsatsing leo kwantle ga pokano ya tirelo ya tshimo fela. Fa go tlwaelegile gore phuthego ya lona e tshware dipokano ka Labobedi, lo ka nna lwa batla go di fetolela mo nakong e nngwe e e mo gare ga beke fa e le gore Holo ya Bogosi e tla bo e sa dirisiwe. Fa e le gore seno se ama Pokano ya lona ya Tirelo, go ka nna ga tshwanela gore dikarolo dingwe tse di rulaganyeditsweng beke eo tse lo bonang di le botlhokwa mo phuthegong ya lona, lo di tsenye mo Pokanong ya Tirelo e nngwe. Diphuthego tse di etetsweng ke molebedi wa potologo di tshwanetse tsa fudusetsa kwa nakong e nngwe dipokano tse gantsi di tshwarwang ka Labobedi maitseboa.
◼ DIKOPANO TSA KGAOLO TSA 1993: Dithulaganyo tse di iseng di tlhomamisiwe tsa dikopano tsa kgaolo ke tse di latelang:
December 2-5:
St. Helena (Seesemane)
December 9-12:
Gaborone (Seesemane, Setswana)
Windhoek (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Seburu/Seesemane)
December 16-19:
Bloemfontein (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Seburu/Seesemane, Sesotho)
East London (Seesemane, Sexhosa)
Empangeni (Sezulu)
Newcastle (Sezulu)
Nkowankowa (Setsonga, tse dingwe ka Sevenda)
Ongwediva (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Sekwanyama/Sendonga)
December 23-26:
KaNyamazane, gaufi le White River (Sezulu)
Lebowakgomo (Sepedi)
Mafikeng (Setswana)
Manzini (Seesemane, Sezulu)
Maseru (tse dingwe ka Seesemane, Sesotho)
Port Elizabeth (Seburu, Seesemane, Sexhosa)
Umtata (Sexhosa)
December 30, 1993–January 2, 1994:
Cape Town (Seburu, Seesemane le Sexhosa)
Durban (Seesemane, Sezulu)
Gauteng (Seburu, Seesemane, dingwe ka Segerika, Sepotokisi, Sesotho, Sezulu)
Pretoria (Seburu, Seesemane, thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Sepedi/Sesotho, Sezulu)
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Seburu: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? (phuthego le batho botlhe: disente di le 80; babulatsela: disente di le 40); A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19; phuthego, batho botlhe, le babulatsela: disente di le 2). Seesemane: Watch Tower Publications Index 1986-1990 (phuthego le batho botlhe: R5,60; babulatsela: R2,80); A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sekwanyama: A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sepedi: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sepotokise: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sesotho: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Setsonga: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Setswana: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sevenda: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sexhosa: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19). Sezulu: A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?; A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana ya No. 19).
◼ Dikhasete Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Seesemane: Doing God’s Will With Zeal (phuthego le batho botlhe: R7,00; babulatsela: R6,00).