LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/93 ts. 3
  • Ditiragalo Tse di Kgethegileng ka March le April

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tse di Kgethegileng ka March le April
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 2/93 ts. 3

Ditiragalo Tse di Kgethegileng ka March le April

1 Go dikologa kgolokwe yotlhe Basupi ba ga Jehofa botlhe ba dira maiteko a a kgethegileng ka March le April ngwaga le ngwaga gore ba nne le seabe mo tirong ya go rera. Go ntse jang ka wena? A o dirile dithulaganyo tse di tlhomameng tsa gore o tle o oketse seabe sa gago mo bodiheding?

2 Baboledi ba ba eletsang go nna le seabe jaaka babulatsela ba ba thusang ka March le April ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bone gone jaanong mme ba ise dikopo tsa bone go sa le nako. Seno se tla thusa bagolwane go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa tirelo ya tshimo le gore ba nne le dibuka tse di lekaneng sentle. Lo gopole gore re tla nna le letsatsi le le kgethegileng la go tsamaisa dimakasine ka April 3. Diphuthego di tshwanetse go dira diotoro tsa tsone tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bofefofefo, di dira jalo ka diforomo tsa Distributors’ Order (M-AB-202).

3 A re ka se gagamalele gore re fitlhe tlhoreng e ntšha ya babulatsela ba ba thusang le ya dimakasine tse di tla tsamaisiwang mo kgweding ya April? Ngogola re ne ra nna le babulatsela ba ba thusang ba le 6 559 mo Afrika Borwa. Go ne ga tsamaisiwa kakaretso ya dimakasine di le 599 394. A re ka se ka ra oketsa dipalo tseno ka April 1993? Buisanang ka kgang eno jaaka lelapa. Buang le Jehofa ka thapelo. Bagolwane, segolobogolo molebedi wa tirelo, o tshwanetse go rulaganyetsa dithulaganyo tseno tse di kgethegileng go sa le gale, a itsise phuthego ka tsone. Diphuthego tseo di tlhokang tshimo e e oketsegileng ka ntlha ya go bo tiro e oketsegile di ka dira mo ditshimong tsa tsone tse di sa abiwang. Ekete rotlhe re ka nna le tiro e ntsi e re e dirang mo tirelong ya ga Jehofa ka March le April.—1 Bakor. 15:58.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela