Dikopano Tsa Kgaolo Tsa “Thuto ya Bomodimo” tsa 1993
1 Re itumelela go lo neela lenaane la matlha le dipuo tse di tla buiwang tsa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Thuto ya Bomodimo” tsa 1993. Dikopano tseno di tla bo di re tlhotlheletsa tota le go re neela dintlha tsa konokono tsa ditiro tsa rona tsa puso ya bomodimo tsa 1993. Phuthego nngwe le nngwe e tla itsisiwe ka lekwalo gore e tla ya kwa kopanong efe.
2 Monongwaga re tla nna le dikopano tsa boditšhabatšhaba tse di kgethegileng di le nne mo Afrika Borwa tse mo go tsone go tla bong go na le baeng ba ba tswang moseja ga mawatle. Dikopano tseno di tla tshwarwa ka nako e le nngwe fela ka mafelobeke mo Gauteng, Pretoria, Durban, le Cape Town. Lefa go ntse jalo, THULAGANYO E E TSHWANANG e tla tshwarwa mo dikopanong TSOTLHE tsa rona e le gore ba ba tla bong ba le gone kwa mafelong a mangwe ba se ka ba tlolwa ke sejo sepe sa semoya. Pharologanyo fela e e leng teng ke ya gore baeng ba ba tswang moseja ga mawatle ba tla bo ba le teng fela kwa dikopanong tsa boditšhabatšhaba tse di kgethegileng. Ka ntlha ya go bo manno le marobalo a ka se lekane ga re kgothaletse gore go nne le bakaulengwe ba le bantsintsi mo dikopanong tseno tsa boditšhabatšhaba tse di kgethegileng. Gauteng ke yone segolobogolo e tla tlhaelelwang ke didirisiwa. Mo nakong e e fetileng bakaulengwe ba bangwe ba ne ba rulaganya gore ba nne gone mo dikopanong di le pedi, kopano e nngwe e le e ba berekang mo go yone mme e nngwe e le e ba yang go reetsa fela. Seno se tshwanetse. Fa e le gore ga o kgone go utlwa puo e e buiwang mo kopanong e phuthego ya lona e e abetsweng, he ka tsweetswee gololesega go kopanela kwa go e nngwe.
3 Re na le bothata jwa go bona palo e e lekaneng ya dibui kwa dikopanong tse dingwe. Re tla anaanela thata fa bagolwane bangwe ba ba tshwanelegang ba ka thusa mo nngweng ya dikopano tse di latelang: (a) Dibui tsa Seesemane di tlhokega kwa East London, Gaborone, Manzini, le Maseru. (b) Dibui tsa Seesemane le tsa Seburu di tlhokega kwa Bloemfontein, Port Elizabeth, le Windhoek. Tsweetswee elang tlhoko gore re rulaganyetsa gore go nne le thulaganyo e e tletseng ka Seesemane le ka Seburu kwa Bloemfontein monongwaga. (c) Go tlhokega dibui tsa Sevenda le Setsonga kwa Nkowankowa. Bagolwane ba ba tshwanelegang ba ba a tleng ba beye dipolelo mo dithulaganyong tsa kopano ya potologo ba kopiwa gore ba kwalele Mokgatlho. O tshwanetse go neela komiti ya tirelo ya phuthego ya lona lekwalo la gago. Ba tla tsenya dikakgelo tsa bone mo go lone, ba saena lekwalo leno ba bo ba le romela kwa molebeding wa potologo. Molebedi wa potologo o tla tsenya dikakgelo tsa gagwe mme go tswa foo a bo a romela lekwalo leno kwa Mokgatlhong. Lekwalo la gago le tshwanetse la fitlha kwa Mokgatlhong ESENG MORAGO ga August 2, 1993.
4 Go rulaganyeditswe dikopano tse di latelang:
December 2-5:
St. Helena, Holo ya Bogosi ya Levelwood (Seesemane)
December 9-12:
Gaborone, National Stadium (*Seesemane, *Setswana)
Windhoek, International Hall, Showgrounds (thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Seburu/Seesemane, le Sekwanyama/Sendonga)
December 16-19:
Bloemfontein, Free State Stadium (*Seburu, *Seesemane, *Sesotho)
East London, Jan Smuts Stadium (Seesemane); Basil Kenyon Stadium (Sexhosa)
Empangeni, Bhekuzulu Hall, University of Zululand (Sezulu)
Newcastle, R. K. Rümelin Stadium (Sezulu)
Nkowankowa, Sports Stadium (Setsonga, tse dingwe ka Sevenda)
December 23-26:
KaNyamazane, (White River), KaNyamazane Stadium (Sezulu)
Lebowakgomo, Showgrounds (Sepedi)
Mafikeng, University Stadium, University of Bophuthatswana (Setswana)
Manzini, Trade Fair (*Seesemane, *Sezulu)
Maseru, National Stadium (tse dingwe ka Seesemane, Sesotho)
Port Elizabeth, Boet Erasmus Stadium (*Seburu, *Seesemane, *Sexhosa)
Umtata, Independence Stadium (Sexhosa)
December 30, 1993–January 2, 1994:
Cape Town, Goodwood Showgrounds (*Seburu, *Seesemane, *Sexhosa)
Durban, King’s Park Rugby Stadium (*Seesemane, *Sezulu. Gape re na le dithulaganyo tsa puo ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng.)
Gauteng, National Exhibition Centre (*Seburu, *Seesemane, tse dingwe ka Segerika, *Sepotokisi, *Sesotho, *Sezulu. Gape re na le dithulaganyo tsa puo ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng.)
Pretoria, Showgrounds (*Seburu, *Seesemane, thulaganyo ya dipuo di le pedi ka Sepedi/Setswana, *Sezulu)
* E supa gore go tla bo go na le thulaganyo e e feletseng ka dipuo tseno.