Nna Gone ka Metlha mo Tirelong ya Tshimo
1 A re tsaya dikgato tse di siameng go nna le seabe mo tirelong ya tshimo ka metlha? A re tlhoafetse thata go isa dipego tsa rona tsa tirelo ya tshimo ka bofefo kwa Holong ya Bogosi kgwedi nngwe le nngwe? Ke sengwe se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go leka go se dira, le ka motlha kgwedi e se ka ya feta re sa bontsha phatlalatsa tumelo ya rona.—Bar. 10:9, 10.
2 Diphuthego di le dintsi di sa ntse di na le bothata jwa gore baboledi ba se ka ba bega tirelo ya bone ka bofefo kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe. Mo lekwalong la rona la August 15, 1992, re ile ra neela diphuthego tsotlhe taelo e e mabapi le mokgwa o o tlhamaletseng wa go tshwara dipego tsa tirelo ya tshimo. Re rata go boeletsa dintlha tseno di sekae gore o iponele molemo mo go tsone. Mmoledi ka bongwe o na le tshiamelo le boikarabelo jwa go tsenya pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo mo lebokoseng le le kgethegileng le le kwadilweng “Dipego tsa Tirelo ya Tshimo” le le tshwanetseng la bo le le mo Holong ya Bogosi nngwe le nngwe. Fa e sale go tloga ka nako eo a o ntse o latela kaelo eno ka boikanyegi? Fa go le jalo, re a go akgola. Go tweng he fa e le gore o lebetse go isa pego ya gago ka nako?
3 Kwa tshimologong ya kgwedi nngwe le nngwe, mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go neela motshwari wa thuto ya buka mongwe le mongwe lenane le le bontshang gore ke baboledi bafe ba ba mo setlhopheng sa gagwe ba ba sa begang. Motshwari wa thuto ya buka o tshwanetse a buisana le baboledi bao ka bofefo a bo a tsaya dipego tseno tse di neng di seyo a bo a di neela mokwaledi. Thulaganyo eno e tshwanetse ya latelwa kgwedi e nngwe le e nngwe go tlhomamisa gore dipego tsotlhe tse di tlisitsweng morago ga nako di amogetswe le go romelwa kwa Mokgatlhong. Go tswa foo dipego tseno tse di tlisitsweng morago ga nako di tla kopanngwa le pego ya kgwedi e e latelang. Seno se tla raya gore mmoledi mongwe le mongwe yo o tlisang pego morago ga nako o tla balwa jaaka baboledi ba babedi mo kgweding e e latelang. Ka tsela e e ntseng jalo mmoledi yono o ka se nne yo o sa begeng ka metlha. O seka wa kopanya se o se dirileng mo dikgweding tse pedi mo tirelong ya tshimo mo pegong e le nngwe fela mme o dire gore kgwedi nngwe le nngwe e nne le pego ya yone e e farologaneng.
4 Re ka dirisana mmogo jang le thulaganyo eno fa e le gore ga re yo kwa bofelong jwa kgwedi? Re ka tsenya dipego tsa rona mo lebokoseng pele ga re tsamaya kana re tlhomamisa gore re romela dipego tsa rona tsa tirelo ya tshimo kwa mokwaleding wa phuthego. Seno se tshwanetse sa dirwa nako e santse e le teng sentle gore e tle e akarediwe le pego ya kgwedi le kgwedi ya phuthego, e mokwaledi a e kopanyang le go e romela kwa Mokgatlhong ka letsatsi la borataro la kgwedi nngwe le nngwe.
5 Kwantle ga gore rona ka borona re nne ba ka metlha, re batla go nna podimatseba go thusa ba bangwe go nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa tshimo. (Bafil. 2:4) Re ka dira seno jang? Re ka nna ra kopa baboledi ba ba sa kolobediwang ba ba sa tswang go simolola mo bodiheding go bereka le rona. Thulaganyo ya ka metlha ya tirelo e tla ba thusa gore boammaaruri bo nwelelele thata mo dipelong tsa bone.
6 Nna gone ka metlha mo tirelong ya tshimo. Isa pego ya gago ya tirelo ya tshimo ka boikanyegi kgwedi le kgwedi. Thusa ba bangwe go nna le seabe mo tirelong ka metlha. Bontsha ‘lorato lwa bokaulengwe.’—1 Pet. 2:17.