Letlole la Dipotso
◼ Ke moaparo ofe o go ka tweng o tshwanetse fa motho a ya kolobetsong?
Lefa gone ditekanyetso tsa go apara di sa tshwane mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, tlhagiso ya Bibela ya gore re apare ka “bori le tekanō” e santse e tshwana mo Bakereseteng botlhe, go sa kgathalesege gore ba nna kae. (1 Tim. 2:9) Molaomotheo ono o tshwanetse wa dirisiwa fa re sekaseka ka moaparo o o tshwanetseng kolobetso.
Tora ya Tebelo ya June 1, 1985, tsebe 30, e neela motho yo o yang kolobetsong kgakololo eno: “Bori eleruri bo tshwanetse jwa bonala mo mofuteng wa diaparo tsa go thuma tse di dirisiwang. Seno se botlhokwa gompieno fa badiri ba feshene go lebega ba batla go phaphasetsa dikgang tsa dikobo mme ba batla gore ba fitlhelele le eleng kwa bosaikategeng gotlhelele. Lebaka le lengwe go le akanyetsa ke gore diaparo dingwe tsa go thuma tseo di lebegang di le bori fa di omile ga di a nna jalo fa di le metsi. Ga go ope yo o kolobediwang yo o tla batlang gore a fatlhe ba bangwe kana a kgopise mo tiragalong eno e e masisi jaaka ya kolobetso.—Bafilipi 1:10.”
Go dumalana le kgakololo eno, bao ba yang go kolobediwa ba tla tshwanelwa ke gore ba apare diaparo tse di bori, ba lemoga kafa tiragalo eno e leng botlhokwa ka teng. Ka gone, Mokeresete o tshwanetse a se ka a apara seaparo sa go thuma se sennye kana se se kokomelang mo mmeleng fa se le metsi mme o tshwanetse go tila go se dirisa. Ka mo go tshwanang, go tla bo go sa tshwanela gore mongwe a lebege a le leswe kana a apere ka tsela e e botlhaswa. Mo godimo ga moo, go tla bo go sa tshwanela go apara dikipara tse di nang le dipolelo tsa lefatshe kana mafoko a a bapatsang a kgwebo.
Malebana le bagolwane ba ba abetsweng go boeletsa dipotso tsa kolobetso le yo o yang kolobetsong, eno e tla nna nako e e molemo ya go tlotla ka botlhokwa jwa go apara diaparo tse di tshwanetseng. Ka tsela eno re tla boloka tiragalo eno e tlotlega, mme re tla tswelela pele re tlhomologile re sa tshwane le lefatshe.—Bapisa Yohane 15:19.