Dilo tse Di Tlhokegang mo Modiheding Yo o Sa Tswang go Kopanela Le yo O Nang le Maitemogelo
1 Mopesalema Dafide o ne a botsa jaana: “Yehofa, e mañ eo tla tlhōla tlhōlañ mo motlaaganeñ oa gago? e mañ eo tla agañ mo thabaneñ ea gago e e boitshèpō?” Dafide o ne a araba jaana ka mafoko a sekaenyana a mantle: “Ke motho eo o tsamaeañ ka thōkgamō, a diha tshiamō, a bile a bua boamarure mo peduñ ea gagwè.” (Pes. 15:1, 2) Dilo tseo tse di tlhokegang ga di ise di fetoge. Botlhe ba ba tlang go obamela mo phuthegong ya Bokeresete gompieno ba tshwanetse ba tlogela ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang le botagwa. Mo bathong ba ga Jehofa ga go batlege bontwadumela, batho ba ba pelokhutshwane, kana ba ba temepedi. E ka ne re le badihedi ba ba sa tswang go kopanela kana ba ba nang le maitemogelo, re tshwanetse go tshela ka melao e e kwa godimo e e mo Lefokong la Modimo ka boikanyego.—Bagal. 5:19-21.
2 Batho ba le bantsi ba ba sa tswang go kopanela ba kopanela le phuthego ya ga Jehofa. Basha le bagolo ka mo go tshwanang ba ile ba fetola mokgwa wa bone wa go akanya gore ba dumalanye tsela ya bone ya go tshela le dilo tse Modimo o di tlhokang. Mosimane mongwe kwa Amerika Borwa o ne a gola kwantle ga kaelo e e tswang mo batsading mme a simolola go nna le mathata a a masisi mo bothong jwa gagwe. Fa a le dingwaga di le 18, o ne a tshwakgotswe ke diokobatsi ebile o ne a setse a na le nako e ntsi a le mo kgolegelong ka ntlha ya go utswa gore a bone madi a go reka diokobatsi tseno. Fa a ne a ithuta Bibela, o ne a kgaogana le ditsala tsa gagwe tsa pele, a batla ditsala tse disha mo Basuping ba ga Jehofa, mme kgabagare o ne a neela Modimo botshelo jwa gagwe.
3 Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go ikemisetsa go itumedisa Modimo ka boitshwaro jotlhe jwa rona, “mo boitshepoñ yoa boamarure.” (Baef. 4:24) Re tlamega go ‘apola motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe’ mme re “apare motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ” fa re sa ntse re batla go nnela ruri mo phuthegong ya Modimo e e tshwanang le thaba.—Bakol. 3:9, 10.
4 Lefoko la Modimo, le Na le Tlhotlheletso E E Maatla: Botho jwa ga Jehofa jaaka re bo senoletswe ka Bibela bo ka ama thatathata go akanya le ditiro tsa rona ka tsela e e siameng. (Bar. 12:2) Lefoko la Gagwe le na le maatla a go fetola megopolo le go hukutsa dipelo. (Baheb. 4:12) Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di re ruta gore thato ya ga Jehofa e tlhoka gore re tshele botshelo jo bo siameng kafa boitsholong, re nne le seabe ka botlalo mo bodiheding jwa phatlalatsa, mme re se ka ra itlhokomolosa dipokano tsa Bokeresete.
5 Mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang, kgatelelo e e ntseng e golela pele e ka tlhotlheletsa Mokeresete gore a tlole melao ya Modimo. Fa e le gore thuto ya motho ka namana, thuto ya lelapa, dipokano tsa phuthego, kana bodihedi di a itlhokomolosiwa, tota le Mokeresete yo o kileng a bo a nonofile o ka nna a latlhegelwa ke tumelo, gongwe a wela mo boitshwarong jo bo sa siamang. Ke ka lebaka leo Paulo a neng a kwalela Timotheo jaana: “U ipōnè [ka metlha, NW], u bo u bōnè le go ruta ga gago” mme, “U akanyè [ka metlha, NW] se ke se buañ.”—1 Tim. 4:16; 2 Tim. 2:7.
6 Go sa kgathalesege gore re sa tswa go kopanela kana re na le boitemogelo jo bontsi ka dingwaga, re tshwanetse go nna re gopotse ka phepafalo dilo tse Modimo o di tlhokang, re dira dilo ka tekatekanyo mo bodiheding, le go ipoloka re na le tsholofelo e e nonofileng gore re bolokwe. (1 Pet. 1:13-16) Go botlhokwa eleruri gore re boloke dilo tse Modimo o di tlhokang ka malatsi otlhe.
7 Itirele mokgele wa go tswela mo tirelong ya tshimo mo kgweding eno ya bofelo jwa ngwaga wa tirelo wa 1993. Ititeye sehuba gore o tla thusa ba bangwe go gola mo tumelong le go nna le maungo a a oketsegileng mo bodiheding jwa tshimo. (Bar. 1:12) Tlhoma megopolo ya gago mo dilong tse di siameng ka go ithuta ka namana, go nna le thuto ya lelapa, le go nna teng mo dipokanong ka metlha. (Bafil. 4:8) Maiteko a gago a go itumedisa Modimo ka go tshela tumalanong le dilo tsa gagwe tse di tlhokegang a ka se nne a lefela.—Bakol. 3:23, 24.