LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/93 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 9/93 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho e e tsamaisiwang ka September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,50. October: Peeletso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R19,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R9,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,00. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R9,00.

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bofefo jo bo ka kgonegang morago ga moo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.

◼ Go Bakwaledi ba Phuthego. Nako le nako fa lo kwalela Mokgatlho malebana le diakhaonto, diotoro tsa dimakasine, diotoro tsa dibuka, dipego tsa tirelo ya tshimo, le go botsa ka dipeeletso, lo umake nomoro ya phuthego ya lona ka metlha yotlhe. Gape, tsweetswee tlhomamisang gore lo kwadile nomoro eo mo moleng o o leng teng mo diforomong. Fa lo sena diforomo tseno tsa Mokgatlho, tsweetswee otorang palo e lo e tlhokang.

◼ Go tla bo go balwa buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa mo Thutong ya Buka ya Phuthego go simolola ka November 8, 1993, go ya go fitlha ka May 2, 1994.

◼ Ka Matlhatso, October 9, 1993, legae la Bethele le feketiri di tla bo di tswetswe ka jaana di tla bo di phepafadiwa, ka jalo go tla bo go sena dithulaganyo dipe tsa go bontshiwa dikago.

◼ Baboledi ba ba rulaganyetsang go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka October ba tshwanetse go isa dikopo tsa bone nako e santse e le teng. Seno se tla naya bagolwane nako ya go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa gore ba baakanye dibuka le tshimo.

◼ Bagolwane ba gakololwa go tswelela pele ba latela ditaelo tse di mo tsebeng ya 21-3 tsa Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, e e malebana le batho bape ba ba kgaotsweng kana ba ba itomolotseng mo phuthegong bao ba ka nnang ba batla go busediwa gape.

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa 1994 Calendar of Jehovah’s Witnesses fa di dira otoro ya tsone ya dibuka ka September. Dikhalendara di tla bo di le teng ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sentadiana, Sepotokisi, Sesotho, Setšhaena, Sexhosa, le Sezulu.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela