LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/93 ts. 11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 10/93 ts. 11

Dikitsiso

◼ Mpho e e tsamaisiwang ka October: Peeletso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R19,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R9,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,00. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R9,00. January: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,50.

◼ Tsenyeletso ya “Thulaganyo ya Sekolo sa Puso ya Modimo sa 1994” e gone mo tokololong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi mme e tshwanetse ya bolokiwa gore e tle e dirisiwe ka 1994.

◼ Jaanong diphuthego di tla otora temana ya ngwaga ya 1994, eo e leng teng ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu ka moneelo wa R13,00 e le nngwe. Sekoloto sa yone se tla tsenngwa mo akhaontong ya lona ya dibuka. Diphuthego tseo di nang le tlhaelo ya madi mo akhaontong ya tsone ya dibuka di ka romela otoro eno le madi. Go rotloediwa diphuthego tsotlhe gore di bo di kgwageditse temana eno ya ngwaga ka January 1, 1994.

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1994 mo otorong ya tsone ya ka metlha go tloga ka October 1. Dibukana tseno di tla nna gone ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sekwanyama, Sentadiana, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, le Sezulu. Mo ditshupasekolotong tsa phuthego go tla kwalwa “Back Ordered,” go fitlhelela dibukana tseno di nna gone di bo di romelwa. Go Lotolotsa mo Dikwalong ke setoko se se laolwang mme tuelo ya tsone e tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ka R1,50 nngwe le nngwe, e leng tlhwatlhwa ya baboledi. Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng bao ba nnileng babulatsela pele ga July 1, 1993, ba ka iponela kopi ya mahala e le nngwe mme ba iponele tse dingwe tse di oketsegileng ka disente di le 75 kopi nngwe le nngwe. Diphuthego tse di senang akhaonto le Mokgatlho kana tse di nang le tlhaelo ya madi mo akhaontong ya tsone di ka romela diotoro tsa tsone le madi. Go tshwanetse ga tladiwa foromo e e kwa thoko ya Remittance and Credit Request (S-AB-20) e e supang dikopi tse di tserweng mahala ke babulatsela. Tseno di tshwanetse tsa otorwa ka phuthego. RE KGOTHALETSA LELOKO LENGWE LE LENGWE LA LELAPA GO NNA LE KOPI YA LONE YA BUKANA ENO, GO AKARETSA LE BANA BA BA KGONANG GO BALA.

◼ Dikhasete Tse Disha Tse Di Leng Gone:

Sezulu: Go Reetsa Morutisi yo Mogolo (Dikhasete tse tlhano le buka eno di le mo alebamong. Phuthego le batho botlhe: R38,00; babulatsela: R32,50).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela