Godisa Kgatlhego mo Bogosing Jwa Modimo Jwa Kagiso
1 Mo kgweding ya February, re tla bo re tsamaisetsa batho buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna jwa go thusa batho ba ba dipelo tse di siameng go anaanela Bogosi jwa Modimo le seo bo tla se diragatsang. Re ka thusiwa go dira seno ke dipotso tse di batlang go itse gore motho o ikutlwa jang.
2 Pampitshana e e reng “Botshelo Mo Lefatsheng Le Lesha le le Nang le Kagiso” e ka dirisiwa go tsamaisetsa batho mpho. Morago ga re sena go dumedisa motho ka botsalano, re ka nna ra bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Go na le diphetogo tse di gakgamatsang tse di diragalang mo mmusong mo lefatsheng ka bophara, mme gantsi batho ba umaka gore mokgele wa bone ke kagiso. A o akanya gore ruriruri kagiso ya boammaaruri e tla ko e bonwe? [Letela kakgelo.] Le mororo batho ba le bantsi ba beile tsholofelo ya bone mo babusing ba batho gore ba tla lere kagiso, ela tlhoko kafa Modimo o solofetsang ka gone gore o tla tlisa kagiso jaaka go umakilwe mo go Pesalema 46:9. [E bale.] Ke diphetogo dife mo lefatsheng tse o akanyang gore Modimo o tla di tlisa? [Reetsa gore mong wa ntlo o arabela jang, go tswa foo o bo o mmontsha pampitshana e e reng Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le Le Nang le Kagiso.] A o ka kgona go akanya ka seo se tshwantshitsweng fa?” Sekaseka tshedimosetso e e mo setlhogwaneng se se reng “Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Modimo.” Fa seemo se go dumelela, bontsha mong wa ntlo tshedimosetso e e mo ditsebeng tsa 156-62 mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri. Tsamaisa buka eno ka moneelo wa R9.00. Tlogelela mong wa ntlo pampitshana, a o ka ne a tsere buka kana nnyaa. Re ka nna ra digela puisano ka go botsa re re: “A o akanya gore puso ya Modimo e tla tlisa diphetogo tseno?” Dira thulaganyo ya gore o boe gape go tla go tsweledisa puisano.
3 Kana gongwe re ka nna ra re:
◼ “Batho ba le bantsi ba bontsha kafa ba tshwenyegileng ka teng ka ntlha ya mathata a a sa jeseng diwelang a rotlhe re nnang le one letsatsi le letsatsi. A o akanya gore go tla ke go diragale gore mathata ano a re tlogele? [Emela kakgelo.] Bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore Modimo ga o kgathale ka gope ka selelo sa rona. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko se a se solofetsang mo go Tshenolō 21:3, 4.” Bala ditemana tseo. Morago ga seno, bolelela mong wa ntlo ka buka ya O Ka Tshelela Ruri. O ka nna wa tsosa potso e e reng: “Ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse pogo?” Lebisa go kgaolo 11 ya buka ya O Ka Tshelela Ruri. Fa nako e go dumelela, o ka nna wa bontsha mong wa ntlo ka bokhutshwane dirapa tsa 1 le 2 mo tsebeng ya 99. Tsamaisetsa mong wa ntlo mpho o bo o mo itsise gore o ka itumelela go tswelela o ntse o buisanya le ene mo nakong ya fa o mo etetse gape.
4 Fa e le gore mong wa ntlo o setse a na le kgatiso eo kana ka lebaka lengwe a sa kgatlhegele go amogela mpho ya gago, he mo tsamaisetse dimakasine dingwe tsa bosheng ka go akgela ka ntlha nngwe e e maleba mo setlhogong sengwe se se tlhophilweng.
O ka nna wa tlhalosetsa motho ka makasine ka go bua o re:
◼ “Setlhogo seno se tshotse dintlha tse dingwe gape ka kgang eno. [Bala seele se le sengwe kana di le pedi tse o di tlhophileng go sa le pele.] Setlhogo seno se tshotse dintlha tse dingwe gape tse di tla go kgothatsang le lelapa la gago. E re ka go bonala e kete o kgatlhegela kgang eno, re tla itumelela go go tlogelela tokololo eno le makasine e e tsamaisanyang le yone ka moneelo wa R1,60.”
5 Ke gantsi batho gompieno ba tlhakane tlhogo ka go bo ba sa itse gore ba ka ya kae go bona dikarabo kaga mathata a batho ba lebaganeng le one. Re na le tshiamelo ya go ba bolelela ka tsholofelo e e phepafetseng kaga bokamoso. (Dit. 17:27) E kete he re ka tlhoafalela go itsise batho kaga Bogosi jwa Modimo, e leng motswedi wa boammaaruri wa kagiso.