Tsamaisa Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang
1 Motlha ono wa segompieno o ile wa itshupa o le bokete tota mo basheng ka kakaretso. Go na le batsadi le basha ba bantsi ba ba tshwenyegang thata ka mathata a a dirang gore basha ba tlalelwe. Re tla bo re tsamaisa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang mo tshimong ka March. Gongwe o setse o rulagantse se o batlang go se bua. Kana o ka nna wa dirisa mongwe wa mekgwa e e latelang:
2 O ka nna wa bolela jaana fa o sena go dumedisa:
◼ “Ga go motlhofo go golela mo metlheng eno e e tletseng mathata. Basha ba lebana le maemo a mantsi a masha a a batlang gore ba dire ditshwetso tse di botlhokwa thata. ‘A nka nwa bojalwa? A nka dirisa diokobatsi? Nka dirisana jang ka tsela e e siameng le batho ba bong bo sele?’ Gantsi basha ba bona dikarabo tse di utlwisang botlhoko fa ba botsa dipotso tseno tse di botlhokwa. O akanya gore bontsi jwa bone bo ya kae fa bo batla kgakololo? [Mo letle gore a akgele.] Buka eno, Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e na le tshedimosetso e e mosola thata. [Mmontshe diteng, o supe ditlhogo tsa yone tse di farologaneng.] Basha ba tlhoka dikarabo tse di tlhamaletseng le tse di utlwalang. Dikarabo tse di mo bukeng eno di tshegediwa ke se Bibela e se bolelang. O ka itumelela buka eno e e mosola le e e nang le ditshwantsho tse dintle ka moneelo wa R4,50 fela.”
3 Puisano e nngwe e o ka kgonang go e dirisa ke eno:
◼ “Basha ba gatelelwa ke dilo tse dintsi gompieno. Ba tlhoka thuso gore ba kgone go lwa le tsone ka katlego. Fa re ntse re leka bojotlhe go ba thusa, a ga re batle sengwe se se ka nayang kaelo e e ka kgonang go dirisiwa? [Mo letle gore a akgele.] Dingwe tsa dilo tse di ngomolang pelo tseno di tla ka basha ba bangwe kana bankane ba bone. Ela tlhoko ditshwantsho tse di mo go tsebe 76 le 77 tsa buka eno. [Mmontshe mafoko a ditshwantsho tseno le dirapa tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng mo go tsebe 77.] Ditsebe tse di latelang tsa kgaolo eno di naya dikarabo tse di tlhamaletseng, tse o ka di dirisang. [Mo neye buka.] E ka nna ya gago ka moneelo wa R4,50 fela.” Fa motho a sa tseye buka, o ka nna wa tlhopha go sekaseka dintlha tse di maleba mo pampitshaneng ya A Lefatshe Leno Le Tla Falola?
4 Tlhomamisa gore o laletsa ope fela yo o kgatlhegang gore a nne teng kwa Segopotsong ka March 26. Ba laletse gape gore ba nne teng kwa puong e e kgethegileng e e reng “Bodumedi jwa Boammaaruri Bo Kgotsofatsa Batho mo Dilong Tse Ba Di Tlhokang” e e tlileng go neelwa mo lefatsheng lotlhe ka April 10.
5 Ruri tseno ke “dipaka tse di tlhokohatsañ,” segolo thata mo basheng. (2 Tim. 3:1) Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang e ka thusa basha thata go atlega fa ba ntse ba lwa le dilo tse di ba gwetlhang. Dikgaolo tse 39 tsa yone di na le ditshwantsho tse dintsi, le ditlhogo tsa tsone di a utlwala e bile di ka kgona go dirisiwa. Ka jalo dirisa kgatiso e e molemo eno nako le nako fela fa o bona sebaka.