Kafa Holo ya Bogosi e ka Bonwang ka Teng
Latelang dikgato tseno tsa kwa tshimologong kgato ka kgato:
Kopanang le Molebedi wa Lona wa Potologo
Tlotlang ka dikarolo tse di maleba tse di mo Memorantamong wa Mokgatlho wa Diholo tsa Bogosi.
Bulang akhaonto ya go boloka madi e e tla dirisediwang letlole la kago ka leina la phuthego.
Tlhophang Komiti ya Kago
Komiti ya Kago e na le bagolwane ba bararo kana ba ba oketsegileng segolobogolo ba ba nang le kitso ya kgwebo kana ya go aga.
Senkang Ditsha kana Setsha Se Se Tshwanelang, Se Baboledi Ba Bantsi Ba Leng Gaufi Le Sone
Dilo Tse Di Tlhokegang mo Setsheng:
Disekweremetara tse di ka nnang 1 500; e tshwanetse segolobogolo ya bo e le setsha se se lekalekanang; karolo ya bodumedi; tilang mmu wa letsopa, o o matlapa, le mafelo a go nang le modumo o montsi mo go one.
Ikopanyeng le Komiti ya Lona ya Kago ya Kgaolo mme lo Tlhophe Setsha
Molebedi wa lona wa potologo o itse ditsela tse lo ka ikgolaganyang le yone ka tsone.
Senkang Setsha mme Lo Se Kwadise ka Leina la Phuthego ya Lona
Sekai: Kyalami Central Congregation of Jehovah’s Witnesses. Lo se ka lwa kwadisa ka leina la Mokgatlho kana ka leina la motho mongwe.
Tlhophang setlhopha sa batho ba ba tla rwalang maikarabelo ba ba dirang jalo ka maitlamo. Kopang diforomo kwa Mokgatlhong.
Kwalelang Mokgatlho lo kope sekaelo sa molaotheo.
Romelang kopi ya lona ya lokwalo lwa setsha (kana lokwalotshupo lwa setsha) kwa Mokgatlhong.
Sekasekang Gore Go Na le Madi A A Kana Kang
Bonang karolo 15 mo Memorantamong wa Diholo tsa Bogosi.—Luke 14:28.
Kopanang le Komiti ya Kago ya Kgaolo mme Lo Tlhophe Moago wa Holo
Nnang lo tshotse tshedimosetso yotlhe e Komiti ya Kago ya Kgaolo e tla e tlhokang.
Fa lo tlhoka thuso ya madi, kopang foromo ya Kingdom Hall Loan Survey mo molebeding wa lona wa potologo kana mo Komiting ya Kago ya Kgaolo.
Romelelang Mokgatlho Kopi ya Moago wa Lona
Fa Mokgatlho o setse o e dumetse, neelang balaodi dipolane tsa lona gore ba di dumelele.
Senkang Inshorense Pele Lo Epa Setsha
Kwalelang Mokgatlho ka inshorense.
Komiti ya Kago ya Kgaolo E Tla Lo Kaela mo Tirong ya Lona Yotlhe E E Setseng . . .
Bagolwane ba tshwanetse go nna ba le matlhagatlhaga.
Dirisanang ka botlalo le Komiti ya Kago ya Kgaolo ka nako yotlhe ya kago.
Nnang lo itsise Mokgatlho kafa kago ya lona e ntseng e tswelela pele ka gone.