A Nka Direla kwa Bethele?
1 Fa o le mokaulengwe yo o sa nyalang, a o kile wa akanya ka go letla phuthego ya ga Jehofa gore e solegelwe molemo ke dikgono tsa gago? Ee, a o ka direla kwa Bethele mme wa thusa mo badiring ba ba tlhokegang thata? Tsela e kgolo e Bethele e atolosiwang ka yone e dira gore go tlhokege batho ba bantsi mo Maphateng a a farologaneng a Babaakanyi. Jaanong re na le metšhine e e oketsegileng le didirisiwa tse di tlhokang go tlhokomelwa go feta pele. Mo godimo ga lefelo le legolo la bobolokelo le le setseng le fela, re batla go aga dikago di ka nna pedi tsa bonno, ra oketsa kago ya Diofisi ka maalo a mabedi, ra atolosa le Feketiri, mo dingwageng tse nne tse di tlang. Ka jalo, re tlhoka badiri ba bantsi go tlhokomela dikago le didirisiwa tsa rona.
2 Thatathata, re tlhoka batho ba ba ithutetseng tiro ya metlakase, ba ba dirang ka diphaephe tsa metsi, badiri ba tshipi, bomakheneke ba metšhine le ba disele, ba ba itseng ka ditsidifatsi, ba ba itseng thata ka HVAC, le bakgweetsi ba ba nang le Code 14, babetli ba dikhaboto, baoki, bathusi ba dingaka tsa meno, babaakanyi ba ditshingwana tsa go kgabisa, le ba ba feleletsang dikago kafa teng. Go batlega thata bakaulengwe ba ba sa nyalang ba dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35, mme fa mokaulengwe yo o nyetseng a itse tiro nngwe ya diatla, a ka dira kopo le mosadi wa gagwe. Batho ba ba dirang dikopo ba tshwanetse ba bo ba kolobeditswe ka lobaka lo e ka nnang lwa ngwaga o le mongwe, ba na le boitshwaro jo bontle mo phuthegong e bile ba itekanetse sentle mo mmeleng. Fa e le gore o tshwanela sentle gore o ka direla mo Bethele e bile o batla go nna le seabe mo katolosong e e kgatlhang thata eno, re go kgothaletsa gore o dire kopo jaanong.—Bapisa Mareko 1:41.
3 Fa o batla go dira kopo, kopa foromo ya go tla mo Bethele ka go kwalela Mokgatlho ka bonako. Fa o sena go tlatsa foromo, e ise kwa Komiting ya Tirelo ya Phuthego gore e e sekaseke. Re kgothaletsa bakaulengwe botlhe ba ba sa nyalang gore ba akanyetse go tla go direla mo Bethele ka thapelo. Ee, e kete Jehofa a ka lo segofatsa fela thata mo tshwetsong ya lona fa lo araba potso eno ka ee, A nka direla kwa Bethele?