Letlole la Dipotso
◼ Re ka akgela jang ka tsela e e molemolemo kwa dipokanong?
Re lebelela pele go kopana mmogo kwa dipokanong tsa phuthego tsa beke le beke. Fa re le koo re na le tshono ya go bontsha tumelo ya rona le go kgothatsa batho ba bangwe fa re akgela. (Dia. 20:15; Baheb. 10:23, 24) Re tshwanetse go tsaya go akgela e le tshiamelo mme re leke go nna le seabe ka metlha. Re ka dira seno jang ka tsela e e molemolemo?
Go baakanyetsa ke kgato ya ntlha. Go botlhokwa go bala le go tlhatlhanya ka tshedimosetso eo go sa le gale. Leka go tlhaloganya se tota go buiwang ka sone. Le mororo go ka ne go ile ga tlotliwa ka kgang eo mo nakong e e fetileng, batla dintlha dipe tse di oketsegileng kana tse di tokafaditsweng tse di leng moo. Nna o ntse o akantse ka setlhogo se se amang kgang yotlhe. Fa o baakanyetsa dikakgelo mo kgatisong e go ithutiwang ka dilo tse di kwa teng tsa buka nngwe ya Baebele, jaaka buka ya Tshenolō, leka go bona kafa temana e e rileng e amanang ka gone le ditemana tse di e dikologileng. Fa o latela dikakantsho tseno seo se tla dira gore o akanye thata. Se tla go thusa gore o baakanyetse dikakgelo tse dintle mme o tla itumelela go nna le seabe.
Dikakgelo tse di molemolemo ke tse dikhutshwane, tse di motlhofo, le tse di thailweng mo kgatisong e e ithutiwang. Motho wa ntlha yo o akgelang o tshwanetse go araba potso ka tlhamalalo, mme a tlogele dintlha tse dingwe gore batho ba bangwe ba akgele ka tsone. Tila dikarabo tse ditelele, tse di sa utlwaleng tse di tsayang nako e ntsi mme di dira gore batho ba bangwe ba se ka ba kgona go akgela. Tlhalosa dintlha ka mafoko a gago go na le gore o bale karabo ya gago fela jaaka e ntse go tswa mo kgatisong. Dikakgelo tse dingwe tse di tlhalosang di ka nna tsa akaretsa dintlha tse di buang ka ditemana tsa Dikwalo tse di umakilweng. Reetsa ka kelotlhoko go utlwa gore batho ba bangwe ba reng gore o tle o tile go boelela se batho ba bangwe ba setseng ba se buile.
Go molemo gore o tsholetse seatla ka makgetlho a le mmalwa mme e seng mo serapeng sengwe le sengwe. Re laletsa basha gore le bone ba akgele. Fa e le gore o tshaba go akgela, o ka nna wa bolelela motshwari wa thuto go sa le gale gore o batla go arabela serapa sefe, mme gongwe o tla go fa sebaka sa gore o arabe.
Rotlhe re tshwanetse go dira boiteko jwa gore re bue sengwe kwa dipokanong tsa phuthego tse go tlhokegang gore bareetsi ba nne le seabe. Re tshwanetse go gakologelwa gore katlego ya dipokano tse di ntseng jalo e ikaegile thata ka gore re iketleeditse go le kana kang go akgela le gore re akgela ka tsela e e molemo go le kana kang.—Pes. 26:12.