Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Mosola go Tlhatlhobiwa ke Jehofa?
1 Mongwe le mongwe o eletsa go nna le botsogo jo bontle. Go dira gore o itumelele botshelo le go feta. Lefa go ntse jalo, le e leng batho ba ba nang le botsogo jo bontle ba nna ba ya go itlhatlhoba gangwe le gape. Ka ntlha yang? Ba batla go bona mathata ape a botsogo a a ka tswang a simologa gore go dirwe sengwe go a alafa. Go botlhokwa le go feta gore re tlhokomele botsogo jwa rona jwa semoya. Go amogelwa ke Jehofa go ikaegile mo go reng re nne re “itekanele mo tumelong.”—Tito 1:13.
2 Nako eno ke yone e e siameng ya gore re tlhatlhobiwe ke Jehofa. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ka gonne Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo mme o tlhatlhoba dipelo tsa batho botlhe. (Pes. 11:4, 5; Dia. 17:3) Fela jaaka Dafite a dirile, le rona re kopa Jehofa jaana gore a re tlhatlhobe ka botlalo: “Nkeleka, Jehofa o mphukutse; leka diphilo tsa me, le pelo ya me.”—Pes. 26:2.
3 Re tshwanetse gore re sireletse botsogo jwa rona jwa semoya gore bo se ka jwa tshosediwa ke dilo tse di tswang mo go rona ka ntlha ya bosaitekanelang jwa nama ya rona. Diane 4:23 e gakolola jaana: “Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo yotlhe: gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.”
4 Lefatshe le le re dikologileng le le bosula le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang le lone le ka tshosetsa botsogo jwa rona jwa semoya. Fa re itetla go tsenelela thata mo tsamaisong e e bosula eno, re ka nna ra simolola go akanya jaaka yone le go simolola mekgwa ya lefatshe. Kana re ka nna ra simolola go tshela ka tsela ya lefatshe mme ra gatelelwa ke moya wa lefatshe.—Baef. 2:2, 3.
5 Satane a ka nna a dirisa pogiso kana kganetso e e tlhamaletseng ka maiteko a go re bolaya semoyeng. Lefa go ntse jalo, gantsi o dirisa dikgatlhego tsa lefatshe go re raela. E re ka Satane e le “tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang,” Petere o re kgothatsa gore re ‘nne tiso.’ Re kgothadiwa gore re ‘emalane nae re nitame mo tumelong.’—1 Pet. 5:8, 9.
6 Go botlhokwa gore re sireletse botsogo jwa rona ka go boloka tumelo ya rona e tiile le go e nonotsha letsatsi le letsatsi. Moaposetoloi Paulo o akantsha gore re tlhatlhobe tumelo ya rona ka metlha. Fela jaaka fa re latela ka botlhale kgakololo e re e filweng ke ngaka e e nang le bokgoni, re tshwanetse gore re reetse Jehofa fela jalo fa tlhatlhobo ya gagwe ya semoya e supa gore go na le bothata bongwe jo bo tshwanetseng go baakanngwa. Seno se dira gore re kgone go ‘itekanediwa.’—2 Bakor. 13:5, 11.
7 Eleruri Jehofa ke Motlhatlhobi yo mogolo. Tsela e a tlhatlhobang ka yone e siame ka metlha. O itse gore tota re tlhoka eng. O tlhalosa gore re tshwanetse gore re je dijo dife tse di siameng tsa semoya ka Lefoko la gagwe le ka ‘motlhanka wa gagwe yo o boikanngo.’ (Math. 24:45; 1 Tim. 4:6) Fa re ja dijo tseno tsa semoya tse di otlang ka metlha kwa gae le kwa dipokanong tsa phuthego go tla re thusa go boloka bomoya jwa rona bo siame. Go ikatisa ka metlha ka tsela ya semoya mo bodireding le mo dilong tse dingwe tsa Bokeresete le gone go mosola. Ka jalo, re itumela fa Jehofa a re tlhatlhoba ka metlha, re solofetse gore o tla re thusa gore re nne re na le botsogo jo bo siameng jwa semoya.