LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/95 ts. 9
  • Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itumelele Melemo ya Dikokoano tsa go Itlosa Bodutu le Ditsala, Tila Dirai tsa Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • “Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo”
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Amogela Baeng go Botlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Boitlosobodutu jo bo Molemo, jo bo Lapolosang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 9/95 ts. 9

Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo

1 A bo go lapolosa jang ne go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang! (1 Bakor. 16:17, 18) Re dira seno kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye, kwa dikopanong tse dikgolo le mo bodireding jwa tshimo. Gape re ipelela botsalano ka dinako tse dingwe tsa fa re le kwa gae, fa re etetswe ke baeng kwa magaeng a rona. Fa re dira jalo re bontsha moya wa go amogela baeng e bile re a kgothatsana. (Bar. 12:13; 1 Pet. 4:9) Fa lo rulaganya meletlo ya manyalo, lo gakologelwe kgakololo e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1984.

2 Maitiso a a Rulagantsweng: Go sa kgathalesege gore a re ‘a ja, le fa re nwa, le fa e ka bo e le eng se re se dirang,’ re tshwanetse gore ‘tsotlhe fela re di direle kgalaletso ya Modimo.’ (1 Bakor. 10:31-33) Batho ba bangwe ga ba tseye kgakololo eno tsia mme go nna go ntse go na le mathata ka ntlha ya dikokoano tse dikgolo thata tse di sa kgoneng go laolwa sentle. Mo mabakeng a mangwe, go lalediwa makgolokgolo a batho mo medirong e megolo koo go nang le boitlosobodutu jwa lefatshe. Ka dinako tse dingwe batho ba ba laleditsweng ba kopiwa gore ba duele madi a go tsena kana a dilo tse dingwe. Dikokoano tse di ntseng jalo di batlile di tshwana fela le tsa lefatshe, moya o o sa dumalaneng le dilo tse di tlotlegang le melaometheo ya Baebele.—Bar. 13:13, 14; Baef. 5:15-20.

3 Go ile ga begiwa gore go ile ga rulaganyediwa meletlo e megolo ya lenyalo, e mo go yone go neng ga lalediwa baeng ba ba ka fetang 1 000. Mo mafelong a mangwe, go ile ga romelwa ditaletso tsa lenyalo tse mo go tsone go ileng ga lalediwa bagolo fela, bana bone ba sa lalediwa mo moletlong. Batho ba bangwe ba ile ba ya kwa manyalong ba sa lalediwa. A seno se dumalana le kaelo e e kileng ya neelwa mo nakong e e fetileng? Le e seng! E re ka go ile ga nna thata go laola setlhopha se segolo jalo sentle, go ile ga tsoga mathata. Go ile ga nna le modumo o mogolo, batho ba nwa dinotagi ka tsela e e feteletseng mme e bile ka dinako tse dingwe go ile ga felela ka boitsholo jo bo sa siamang. (Baef. 5:3, 4) Seno se ne sa dira gore bangwe ba kgaolwe kana ba kgalemelwe mme bagolwane le batlhanka bangwe ba bodiredi ba bile ba latlhegelwa ke ditshiamelo tsa bone tsa tirelo. Eleruri, dikokoano tse di ntseng jalo ga di tlotle Jehofa. Go na le moo, di senya leina la gagwe le lentle le la phuthego mme di kgopisa batho ba bangwe.—1 Bakor. 10:23, 24, 29.

4 Bakeresete ba kgothadiwa gore ba bontshe moya wa go tshola baeng mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse gore ba tlhome mogopolo thata go kgothatsana semoyeng. (Bar. 1:11, 12) Gantsi dikokoano tse dinnye ke tsone tse di siameng. Buka ya Bodihedi Jwa Rona e bolela jaana mo ditsebeng 135-6: “Ka dinako tse dingwe, malapa a le mmalwa a ka nna a lalediwa go tla botsalanong jwa Bokeresete mo legaeng. . . . Ka mo go utlwalang, bao ba dirileng taletso mo mabakeng a a ntseng jalo ba tshwanetse go ikutlwa ba na le boikarabelo ka bobone ka seo se diragalang koo. Ka go gakologelwa seno, Bakeresete ba ba nang le temogo ba ile ba bona botlhale jwa go lekanyetsa palo ya ditlhopha tse di ntseng jalo le lobaka lwa dikokoano tseo.” Jesu o ne a bontsha gore ga go tlhokege sepe se segolo fa re batla go kgothatsa ditsala tsa rona semoyeng.—Luke 10:40-42.

5 Ke selo se se molemo go bontsha moya wa go tshola baeng mo Bakeresetengkarona. Lefa go ntse jalo, go na le pharologano e kgolo gare ga kokoano e e lekanyeditsweng mo legaeng la rona le modiro o mogolo o o supang moya wa lefatshe o o tshwarelwang kwa lefelong lengwe le le hirilweng. Fa o laletsa batho ba bangwe gore e nne baeng ba gago, o tshwanetse gore o tlhomamise gore o tla kgona go ikarabelela mo go sengwe le sengwe se se diragalang.—Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1992, ditsebe 17-20.

6 Eleruri, Jehofa o re neile bokaulengwe jo mo go jone re ka bonang kgothatso e e lapolosang e e re rotloetsang go tswelela pele re dira ditiro tse di molemo. (Math. 5:16; 1 Pet. 2:12) Fa re bontsha tekatekano mo maitisong a rona, re tla galaletsa Modimo wa rona ka metlha mme re tla aga batho ba bangwe.—Bar. 15:2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela