Go Botlhokwa go Nna Teng ka Metlha Kwa Dipokanong Gore re Eme ka Tlhomamo
1 Moaposetoloi Paulo o ne a re kgothaletsa gore re nne re ‘itekanetse mo tumelong.’ (Tito 1:9, 13) Kwa dipokanong tsa phuthego re akanya ka dilo tse di molemo e bile re rutiwa gore re ka dira jang gore re apare diaparo tsotlhe tsa semoya gore re tle re kgone go “ganela le maano a a boferefere a diabolo.”—Baef. 6:11; Bafil. 4:8.
2 Dipokano di re Thusa ka Dilo Tse re di Tlhokang: Go botlhokwa gore re nne teng ka metlha kwa dipokanong gore re tle re eme ka tlhomamo. (1 Bakor. 16:13) Kwa dipokanong re a rapela re leboga Modimo le go mmaka le go mo kopa gore a thuse phuthego ka dilo tse e di tlhokang. (Bafil. 4:6, 7) Fa re opela dipina tsa Bogosi mmogo go a re lapolosa e bile go dira gore re kgone go tlhalosa dikgopolo tsa rona le gore re ikutlwa jang fa re ntse re obamela Jehofa. (Baef. 5:19, 20) Go kopana ga rona mmogo kwa Holong ya Bogosi pele le morago ga dipokano go a re kgothatsa, go a re nonotsha e bile go a re lapolosa.—1 Bathes. 5:11.
3 Mo kgweding ya April e e fetileng puo e e kgethegileng e e neng e re “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Gaufi,” e ne ya dira gore batho ba ba ratang boammaaruri ba bone botlhokwa jwa gore ba tseye kgato ka bonako go tswa mo go Babilone o Mogolo. (Tshen. 18:4) A bo go ne ga re tlhotlheletsa jang ne ka June le July go bala ditlhogo tse tharo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo tse di neng di bua ka lesedi le le ileng la phatsimisa tselana ya mosiami! (Dia. 4:18) Akanya fela gore re ka bo re tlhaetswe ke eng fa re ka bo re sa nna teng kwa dipokanong tseo.
4 Mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona mo tsebeng ya 72 go tlhalosiwa gore, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ke thulaganyo ya go ruta phuthego yotlhe e e tswelelang pele. Gone jaanong thulaganyo ya yone e na le karolo nngwe e e re thusang go tlwaelana botoka le hisitori ya segompieno ya mokgatlho ka go dirisa buka ya Baboledi. Re ka se ka ra itetla go latlhegelwa ke tshono ya go ithuta seno.
5 Pokano ya rona ya Tirelo e re thusa gore re nne ditswerere le go feta mo bodireding. Re ile ra bona seno mo pokanong e e neng ya re neela ditaelo tsa kafa re tshwanetseng go anamisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34 ka teng. Jehofa o ne a segofatsa tiro eno thata, jaaka seo se bonwa ka matswela a a tlhomologileng mo lefatsheng lotlhe. (Bapisa 2 Bakorinthe 9:6, 7.) Batho ba ba nnang teng ka metlha mo dipokanong ba ile ba kgothadiwa mme ba ne ba thusa go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne le seabe mo letsholong leo.
6 Dilo tse re di ithutang mo Lefokong la Modimo re thusiwa ke buka ya Tshenolō mo Thutong ya Buka ya Phuthego di re thusa gore re bone sentle kafa dilo di potlakileng ka gone. E re ka ditiragalo di ntse di tswelela pele di diragala ka bonako mo lefatsheng, re tshwanetse go tlhaloganya tsela e boperofeti jo bo kwa teng jwa ga Tshenolo bo diragadiwang ka teng.
7 Dira Gore go Nna Teng Kwa Dipokanong ka Metlha e Nne Selo se se Tlang Pele: Kwa dinageng tse dintsi tse bakaulengwe ba rona ba lekiwang kwa go tsone, ba santse ba bona go le botlhokwa gore ba kopane mmogo beke nngwe le nngwe. Ka sekai, kwa Burundi, Rwanda, Liberia, le Bosnia le kwa Herzegovina, go na le batho ba bantsi ba basha ba ba tlang dipokanong mo e leng gore palo ya bone e feta ya baboledi go menagane gabedi kana gararo. Ka tsela eno Jehofa o thusa bakaulengwe gore ba nne ba tlhomame mo moyeng o le mongwe fela.—Bafil. 1:27; Baheb. 10:23-25.
8 Lefa e le mang yo o ka tswang a sa nne teng ka metlha mo dipokanong o tshwanetse gore a tseye dikgato gone jaanong tse di tla mo thusang gore a baakanye mokgwa ono. (Mor. 4:9-12) Gore re kgone go ema re tlhomame, re tlhoka go kgothadiwa ke batho ba ba godileng semoyeng e leng selo se re se bonang fa re nna teng ka metlha kwa dipokanong.—Bar. 1:11.