Tlhoma Mogopolo wa Gago mo Dilong Tse di Kwa Godimo
1 Setlhogo sengwe sa The New York Times ya December 31, 1994, se ne sa bolela jaana fa se akgela ka kokomana e re tshelang le yone le tsela e e lebang dilo ka yone: “Batho ba boifa isagwe. Ba boifa isagwe ka ntlha ya ditiro, ka ntlha ya bolwetse, ikonomi, ka ntlha ya maemo a lefatshe.” Gongwe le gongwe kwa re lebang gone batho ba ikutlwa ba sa tlhomamisege ka botshelo. Bodiredi jwa rona jaaka Basupi ba ga Jehofa bo dira gore re kopane le batho ba ba ikutlwang jalo letsatsi le letsatsi. Lefa re lebana le mathata a a tshwanang le a bone, tumelo ya rona le go tshepa ka botlalo mo ditsholofetsong tse di tlhomameng tsa Lefoko la Modimo di dira gore re lebe botshelo le isagwe ya batho ka tsela e e farologaneng gotlhelele le ya bone.—Isa. 65:13, 14, 17.
2 Go dumela ga rona le go lebelela gore ditsholofetso tseno di tla diragala tota go dira gore batho ba dipelo tse di phepa ba reetse molaetsa o re o ba tlisetsang. Batho ba bantsi ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong le ba ba gateletsweng ba a gomotsega fa ba bua le rona. E re ka ba rata dilo tse ba di utlwang, bangwe ba bone ba dumela go ithuta Baebele le rona. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe batho ba batla go bua ka mathata a bone. Lefa gone re ka dirisa nako nngwe go reetsa ditlhobaelo tse motho a nang le tsone, ga re a tshwanela go lebala boikaelelo jwa rona, e leng go ruta batho boammaaruri jo bo tlhatswang pelo jwa Lefoko la Modimo.
3 Re batla go tlhomogela batho ba ba tshwenyegileng pelo. Jesu o ne a tlhoma sekao fa a ne a bolela jaana jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 11:28: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng.” Le rona re batla go kgothatsa batho ka tsela eo. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore temana ya 28 e konela jang, Jesu o ne a re: “Ke tlaa lo lapolosa.” E tshwanetse go nna mokgele wa rona. Re dira seo ka go bolelela batho ka ditsholofetso tse di itumedisang tse di mo Lefokong la Modimo. Go nna moreetsi yo o molemo go supa gore re kgatlhegela batho ba bangwe le go ba akanyetsa mme seo se botlhokwa fa re diragatsa thomo ya rona ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi, re thusa batho ba bangwe gore ba lemoge gore Bogosi ke jone fela tharabololo ya mmatota ya mathata otlhe a batho.—Math. 24:14.
4 Tiro ya rona ga se go nna baitse ba botsogo ba diporofeshenale. Go na le moo, go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa jaaka go kwadilwe mo go 1 Timotheo 4:6, ke bodiredi jo bo rutang fela “thuto e e molemo,” dithuto tse di mo teng ga Lefoko la Modimo. Batho ba ba nang le mathata kana ba tshwenyegile mo maikutlong ba tshwanetse gore ba kgothadiwe gore ba ikaege ka Jehofa. Ba rute gore ba ‘tlhome megopolo ya bone mo dilong tse di kwa godimo’—dilo tse di amanang le tsholofelo ya Bogosi. (Bakol. 3:2) Fa batho ba tlhoma megopolo ya bone mo Lefokong la Modimo, ba ka nonotshiwa ka tsela e e maatla le e e tlhotlheletsang matshelo a bone.—Baheb. 4:12.
5 Ka jalo mokgele wa rona ke go thusa batho gore ba tlhome megopolo ya bone mo dilong tse di ‘itshekileng, tse di rategang, tse di bolelwang ka molemo le tse di ka bakwang.’ (Bafil. 4:8) Fa ba tlhoma megopolo ya bone mo tsholofelong ya Bogosi le bone ba tla segofadiwa jaaka rona. Le bone ba ka itumelela go itse gore kgabagare Jehofa o tla rarabolola mathata a bone ka Bogosi jwa gagwe.—Pes. 145:16.