LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/96 ts. 3-10
  • Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba 1996

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba 1996
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kopano ya Kgaolo ya 1997 ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Kopano ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” ya 1995
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ya 1994
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ya 1992
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 10/96 ts. 3-10

Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba 1996

1 Thulaganyo ya rona ya kopano ya kgaolo ya monongwaga ruri e tla re thusa go nna le kagiso ya bomodimo, mme e tla tlhalosa seabe sa rona mo go thuseng ba bangwe go bona kagiso e e ntseng jalo. Setlhogo sa yone ke “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” jaaka fa go itsisitswe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1996. A o setse o dirile dithulaganyo tsa gore o se ka wa fetwa ke sepe mo thulaganyong eno?

2 Thulaganyo ya Malatsi a le Mararo: Re a itse gore o tla itumelela kopano ya monongwaga ka botlalo mme o tla boela gae o ntšhafetse mo moyeng. (2 Ditir. 7:10) Monongwaga gape re tla nna le thulaganyo ya malatsi a le mararo. A o setse o dirile dithulaganyo tsa go kopa malatsi kwa tirong gore o kgone go nna teng ka malatsi otlhe a kopano?

3 Tsenyeletso eno e na le lenaane la matlha le mafelo ao dikopano tsotlhe tse 45 tse di mo tshimong e e kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa di tla tshwarelwang mo go one. Mo nakong eno mokwaledi wa phuthego ya lona o tshwanetse a bo a setse a lo itsisitse gore lo abetswe go ya kae. Kwa ntle ga Seesemane, go tla bo go na le dikopano tse dingwe gape ka Seburu, Sekwanyama, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa le Sezulu. Puo ya Diatla e tla nna teng mo mafelong a mabedi.

4 Thulaganyo e tla simolola ka 9:30 a.m. ka malatsi otlhe a kopano mme e tla konela ka Sontaga mo e ka nnang ka 4:00 p.m. A re tla bontsha bakaulengwe ba rona ba ba tsofetseng le ba ba lwalang bopelonomi ka go ba tlogelela manno mo mafelong a a ba siametseng le a a phuthologileng? Gakologelwa gore “lorato . . . ga lo ke lo ipatlela fela.”—1 Bakor. 13:4, 5; Bafil. 2:4.

5 A o Tla Lootsega? Morago ga go nopola Diane 27:17, e e reng “Tshipi e lootsa tshipi,” Tora ya Tebelo ya August 15, 1993, e ne ya akgela jaana: “Re tshwana le didirisiwa tse di tlhokang go loodiwa nako le nako. E re ka go supa lorato lwa rona mo go Jehofa mmogo le go dira tshwetso go ikaegile ka tumelo ya rona go raya gore re se ka ra tshwana le lefatshe, re tshwanetse go tswelela re tsamaya ka tsela e e farologaneng le e batho ba bantsi ba tsamayang ka yone, jaaka go ne go ka tualo.” Re ka dirisa jang kgakololo eo?

6 Re farologane le lefatshe e bile re tshwanetse go nna re farologane le lone. Boiteko jo bo tlhomameng jwa go swetsa seno bo tla dirwa fa fela re tlhoafaletse ditiro tse di molemo. (Tito 2:14) Ke gone ka moo setlhogo sa Tora ya Tebelo se se nopotsweng fa godimo se ileng sa tswelela jaana: “Fa re na le ba bangwe ba ba ratang Jehofa, re a lootsana—re a tlhotlheletsanya mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” Kopano ya kgaolo ke nngwe ya dipaakanyetso tse di tswang kwa go Jehofa go re thusa go nna re lootsegile mo semoyeng. Re ka se eletse go fetwa ke karolo le fa e le epe ya thulaganyo eno.

7 Motho yo o Botlhale o Tla Reetsa: Go reetsa ke botswerere jo rotlhe re tshwanetseng go bo tlhagolela. Go bontshitswe gore motho wa maemo a a tlwaelegileng o gakologelwa fela bontlhanngwe jwa seo a se utlwileng—go sa kgathalesege gore o akanya gore o ne a reeditse ka kelotlhoko go le kanakang. E re ka re tshela mo metlheng eno ya go iteega tsebe, ka dinako tse dingwe re ka nna ra fitlhela go le thata go tlhoma mogopolo ka lobaka lo loleele. A re ka leka go oketsa nako eo re ka reetsang ka yone, segolobogolo fa re ntse mo setlhopheng se segolo sa bareetsi re reeditse mongwe a bua? Fa o ne o ka kopiwa gore o sobokanye thulaganyo ya letsatsi lengwe le lengwe fa o tswa kopanong morago ga go boela gae, a o ne o tla kgona go dira jalo? Re ka kgona jang gore rotlhe re tokafatse kgono ya rona ya go reetsa le go tlhokomela karolo nngwe le nngwe e e neetsweng mo thulaganyong ya kopano?

8 Go botlhokwa go nna le kgatlhego e kgolo, ka gonne mpho ya bomodimo ya go gakologelwa e ka se ke ya dira sentle fa go sena kgatlhego. Ka sekai, fa motho a bontsha kgatlhego e kgolo mo kgannyeng nngwe, o kgona go gakologelwa dintlhakgolo tsa puo kana karolo nngwe ya thulaganyo bonolo fela. Lefa go ntse jalo, go ikaegile thata ka go reetsa ka kelotlhoko dilo tse re nang le tshiamelo ya go di utlwa kwa kopanong ya kgaolo. Go kgatlhegela thata karolo nngwe le nngwe ya thulaganyo ya kopano le go reetsa ka kelotlhoko go solegela boemo jwa rona jwa semoya molemo gone jaanong mmogo le ditebelelo tsa rona ka isagwe. Kwa dikopanong re rutwa ditsela tsa ga Jehofa e bile re newa ditaelo tsa go swetsa tiro e e bolokang botshelo. (1 Tim. 4:16) A re re o sekepe mo lewatleng le le pheulwang ke phefo. Ditsholofetso tsa ga Jehofa ke tshetledi e e thata ya tsholofelo. Fa motho a sa reetse ka kelotlhoko kwa dithulaganyong tsa Bokeresete mme a letlelela mogopolo wa gagwe go sa nitame, a ka nna a latlhegelwa ke dintlha tsa botlhokwa tsa kgakololo le tao e e ka nnang ya mo sireletsa gore a se ka a gobala mo semoyeng.—Baheb. 2:1; 6:19.

9 Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, bakaulengwe ba rona ba dira maiteko a magolo a go nna gone kwa dipokanong. Go a kgatlha go bona tsela e ba reetsang ka tlhoafalo ka yone kwa dikopanong. Lefa go ntse jalo, kwa mafelong mangwe batho ba itaya ba bangwe tsebe ka go tlalatlala mo mabaleng a kopano ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse. Ba bangwe ba tla thari. Kwa dikopanong dingwe tse di fetileng, go ne go le thata go utlwa thulaganyo mo metsotsong ya ntlha ya fa kopano e simolola ka ntlha ya batho ba ba kgarakgatshegang mo diphasiking le ka fa morago ga mafelo a manno. Gantsi e be e se bakaulengwe ba ba dirang dikabelo kana bommè ba ba tlhokomelang bana ba bone ba bannye. Khuduego e ntsi e dirwa ke batho fela ba ba etileng. Monongwaga Lephata la Batlhokomedi le tla tlhokomela thata bothata jono, mme re solofela gore rotlhe re tla bo re ntse fa fatshe fa modulasetulo a re kopa gore re dire jalo. Re tla itumela thata fa lo ka dirisana mmogo mo kgannyeng eno.

10 Ke dikakantsho dife tse di mosola tse di tla re thusang gore re reetse thulaganyo ya kopano ka tlhoafalo le go gakologelwa bontsi jwa dilo tse di builweng? Go botlhokwa go boeletsa dilo tse di builweng mo dingwageng tse di fetileng: (a) Tlhokomela lebaka le legolo la go ya kwa toropokgolong ya kopano. Ga se go ya go itlosa bodutu, mme ke go ya go reetsa le go ithuta. (Dute. 31:12) Leka go ikhutsa mo go lekaneng bosigo bongwe le bongwe. Fa o ka tla kopanong o lapile thata, go tla nna thata go reetsa. (b) Iphe nako e ntsi ya go emisa koloi ya gago mme o nne fa fatshe pele ga thulaganyo e simolola. Go itlhaganelela kwa mannong ka motsotso wa bofelo gantsi go tla dira gore o latlhegelwe ke sengwe mo karolong e e simololang. (c) Kwala dintlha tse dikhutswane tsa botlhokwa. Go kwala dintlha tse dintsi go ka go kgoreletsa gore o reetse sentle. Fa o kwala, tlhomamisa gore o se ka wa latlhegelwa ke dintlha tse dingwe gonne o tlhomile mogopolo thata mo go se o se kwalang. (d) Fa karolo nngwe ya kopano e setse e itsisitswe, e lebelele ka tlhoafalo. Ipotse, ‘Ke tla ithuta eng mo karolong eno se se tla oketsang kanaanelo ya me le lorato lwa me ka Jehofa? Tshedimosetso eno e ka nthusa jang go bontsha botho jo bosha ka selekanyo se segolwane? Seno se ka nthusa jang go tokafatsa mo bodireding jwa me?’

11 Boitshwaro jo bo Kgabisang Bodiredi Jwa Rona: Paulo o ne a kgothatsa Tito go re a itshupe e le “sekao sa ditiro tse di molemo.” Ka go bontsha mekgwa e mentle mo thutong ya gagwe, Tito o ne a tla thusa ba bangwe gore ba “kgabise thuto ya Modimo moreboloki mo dilong tsotlhe.” (Tito 2:7, 10) Ngwaga le ngwaga re amogela dikgakololo tsa gore ke ka ntlha yang fa boitshwaro jwa bomodimo bo le botlhokwa ka nako ya fa re ya kopanong le fa re boa, mmogo le fa re le kwa dihoteleng le kwa diresetšhurenteng le e leng kwa kopanong tota. Ngogola gape re utlwile dikakgelo tse di kgothatsang tseo re tla ratang go lo bolelela tsone.

12 Manejara mongwe wa hotele o ne a bolela jaana: “Go a itumedisa ka metlha go fa Basupi marobalo ka gonne ba pelotelele mme ba dirisanammogo e bile ba tlhokomela bana ba bone sentle thata.” Mokwaledi mongwe wa lephata la hotele o ne a re tiro ya gagwe e nna “motlhofo thata fa Basupi ba tla kwa hoteleng le fa ba tsamaya gonne le mororo ba letile mo moleng, ka metlha ba itshotse sentle, ba pelotelele, e bile ba a tlhaloganya.” Mosadi mongwe o ne a kgatlhilwe thata ke boitshwaro jwa basha ba Basupi ba ba neng ba nna mo hoteleng e le nngwe le ene mo e leng gore o ne a ba a kopa dingwe tsa dibuka tsa mokgatlho wa rona.

13 Ka fa letlhakoreng le lengwe, go tlhokafala gore re tokafatse mo mafelong mangwe. Re rata go lo bolelela ka ga dilo dingwe tse di lemogilweng tse di rometsweng kwa Mokgatlhong. Molebedi mongwe yo o etang o ne a bega gore bana ba Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhokomelwa thata kwa dihoteleng. Bangwe ba bonwe ba taboga mo diphasiking, ba palama dilifiti ba ya kwa tlase le kwa godimo, ba dira modumo thata go dikologa letangwana la go sapa, e bile ba dula fa letangwaneng go feta nako e e beilweng ya go tswala, ka jalo seno se tlhodia baeti ba bangwe ba ba robetseng. Re tshwanetse go thapisa bana ba rona gore ba tlhaloganye gore boitshwaro jwa Bokeresete ga bo a beelwa nako. Ga bo kgaotse fa re sena go tswa mo lefelong la kopano. Bo tshwanetse go tsaya diura tse 24 ka letsatsi. Boitshwaro jwa rona kwa dihoteleng, kwa diresetšhurenteng le mo mebileng bo tshwanetse jwa tlotlega fela jaaka fa re dutse ka nako ya thulaganyo le bakaulengwe ba rona, re rutwa ke Jehofa.—Isa. 54:13; 1 Pet. 2:12.

14 Re tla rata go tlotla le lona gape ka ga dikgakololo tsa madinyana a tebogo. Baabadijo, baphepafatsi ba hotele le ba ba tseelang batho dithoto ba di isa kwa dikamoreng tse ba yang go robala kwa go tsone le ba bangwe ba ba dirang tiro e e tshwanang, ka dinako tse dingwe ba ikaegile ka madinyana a tebogo e le gore ba tle ba kgone go tshela.—Bona Tsogang! (ka Seesemane) ya June 22, 1986, ditsebe 24-7.

15 Lefa tirelo ya dijo e sa tlhole e le gone kwa dikopanong tsa rona, go santse go na le ditshenyegelo tse di tshwanetseng go akanyediwa tse di akaretsang go hira lefelo le kopano e tshweretsweng mo go lone, le go emisiwang dikoloi mo go lone, le go tlhokomela dilo tse dingwe fela. Meneelo ya rona ya boithatelo e thusa mo ditshenyegelong tseno. Kgaitsadi mongwe yo o neng a na le bana ba ba mo dingwageng tsa bolesome o ne a tla kopanong a na le madinyana fela a mannye. Lefa go ntse jalo, ene le bana ba gagwe ba ne ba thusa ka go ntsha moneelo o monnye fela. Ke kgang ya motho ka namana gore o tla dira eng mo ntlheng eno, mme re a itse gore lo anaanela dikgakololo tse di ntseng jalo.—Dit. 20:35; 2 Bakor. 9:7.

16 Go Lemogiwa ka Tsela e re Aparang ka Yone: Tsela e re aparang ka yone e senola go le gontsi ka rona le ka maikutlo a rona mo go ba bangwe. Basha ba bantsi ba ba mo dingwageng tsa bolesome le bagolo ba bantsi ba faraferwe ke moaparo wa feshene, tsela e e botlhaswa ya go apara kwa sekolong kana kwa ba berekang gone. Ngwaga le ngwaga go nna le mefuta ya moaparo e e feteletseng, le eleng e e garolang pelo. Fa re sa tlhokomele, ditsala tsa lefatshe di ka nna tsa re tlhotlheletsa bonolo gore re apare jaaka bone. Mefuta e mentsi ya ditaele ga se e e tshwanetseng go aparwa kwa dipokanong tsa go obamela. Kakgelo nngwe e e amogetsweng morago ga nngwe ya dikopano tsa ngogola e ne e na le mafoko a go anaanela thulaganyo ya kopano mme e ne ya oketsa jaana gape: “Ke ne ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go ne go na le basetsana ba bantsi jaana ba ba neng ba apere mesese e mekhutswane thata, dibolaose tse di bulegileng thata mo thamong, le mesese le dikete tse di nang le dipoliti tse ditelele thata tse di bulegileng.” Ke boammaaruri gore rotlhe re eletsa go apara ka tsela e e tshwanelang badiredi ba Bakeresete ka bobedi kwa dikopanong le morago ga thulaganyo fa re le mmogo. Ka metlha go re solegela molemo go tlhatlhoba kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo gore Bakeresete ba tshwanetse go ikgabisa ka “diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano.”—1 Tim. 2:9.

17 Ke mang yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore diaparo tse di bori le “tekano” ke dife? Go nna “bori” go raya “go se dire dilo motho a sa kgathale.” Dikishinare gape e tlhalosa bori e le “go sa nneng magasigasi.” Ga se Mokgatlho kana bagolwane ba ba tshwanetseng go baya molao ka ga moaparo le go ikgabisa. Lefa go ntse jalo, a ga go a tshwanela go phepafala go Mokeresete gore ke mefuta efe ya moaparo e tota e sa tshwaneleng kana e e siameng? (Bapisa Bafilipi 1:10.) Tsela e re ikgabisang ka yone le e re aparang ka yone ga e a tshwanela go gogela tlhokomelo e e sa tshwanelang. Tebego ya rona e tshwanetse go nna e e itumedisang, e se ya lefatshe kana e e sa kgatlheng. Jaaka badiredi ba mafoko a a molemo, fa re apere e bile re ikgabisitse sentle ka nako ya fa re le mo toropongkgolo ya kopano ya kgaolo re tlisa tlotla go Jehofa e bile re emela mokgatlho sentle. Ka gone, batsadi ba tla tlhoma sekao mme ba tla tlhomamisa gore bana ba bone ba apare sentle ka nako eo. Bagolwane ba tla batla go tlhoma sekao se se molemo mme ba bo ba ipaakanyetsa go fa kgalemelo e e lorato fa go tlhokega.

18 Dihotele: Pelenyana re nopotse modiri mongwe wa hotele yo o neng a re ba ne ba kgatlhegile thata gonne bakaulengwe ba ne ba le pelotelele, ba le maitseo mme ba na le tirisanommogo. Re batla go tswelela re bontsha dinonofo tseno tsa Bokeresete fa re le mo moleng re kwadisa. Re anaanela dihotele tse di dirisanang mmogo le Lephata la Marobalo go naya bakaulengwe dikamore ka tlhwatlhwa e ba ka e kgonang. Lefa gongwe re ka tswa re lapile ka ntlha ya mosepele, re tshwanetse go gakologelwa go tshwara badiri ba hotele ka bopelonomi. Fa re dira jalo go ka nna ga dira gore bangwe ba lebe boammaaruri ka tsela e e masisi. Mo godimo ga moo, ga go kitla go apewa kwa dikamoreng tsa dihotele ntle fela le fa go na le kitsi ya go dira jalo.

19 Dikhamera Tsa Ditshwantsho le Tsa Bidio le Didirisiwa Tsa go Rekota Mantswe: Go letlelesegile go dirisa dikhamera le didirisiwa tse dingwe tsa go rekota, fa fela re bontsha gore re akanyetsa ba bangwe ba ba leng gone. Fa re ntse re tsamayatsamaya re tsaya ditshwantsho ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse, ga go kitla go itaya ba bangwe tsebe fela ba ba lekang go reetsa, mme gape le rona ka borona re tla latlhegelwa ke dintlha dingwe tsa thulaganyo. Gantsi re solegelwa molemo thata mo kopanong fa re reeditse sebui ka tlhoafalo e bile re kwala dintlha tsa botlhokwa. Re ka nna ra bo re rekotela mokaulengwe kana kgaitsadi yo o sa kgonang go tla; mme lefa go ntse jalo, rona ka borona re tla fitlhela gore fa re boela gae morago ga go rekota diura tse dintsi tsa thulaganyo, re tla bo re sena nako e e lekaneng ya go boeletsa bontsi jwa dilo tse re di rekotileng. Ga go na didirisiwa dipe tsa go rekota tse di tshwanetseng go golaganngwa le motlakase kana le didirisiwa tsa go godisa mantswe, e bile didirisiwa tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go thibela diphasiki kana mo go fetwang teng kana tsa sira ba bangwe.

20 Manno: Re ntse re tlhokomela gore maemo a tokafaditswe mo kgannyeng ya go boloka manno. Ngogola ba le bantsi mo go lona ba ne ba latela kaelo eno: MANNO A KA BOLOKELWA FELA BA LELAPA LA GAGO LE BAPE FELA BA BA KA TSWANG BA TSAMAYA LE WENA MO KOLOING. Gongwe o fitlhetse go sena bothata gonne ba le bantsi ba ne ba latela kaelo eno sentle. Se se botlhokwa le go feta ke gore go bontsha kutlo ga gago go ne go kgatlha Jehofa le “motlhanka yo o boikanngo,” yo o re nayang dijo tsa semoya.—Math. 24:45.

21 Go na le palo e e ntseng e gola ya bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng ya botsogo. Bangwe ba tla kopanong ka ditulo tsa maotwana mme ba tlhoka go tlhokomelwa ke ba lelapa. Bangwe ba dirisa mefuta e e farologaneng ya kalafi ya malwetse a a tshwanang le mathata a pelo kana a mototwane. Tota go itumedisa dipelo tsa rona go bona bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba rategang kwa kopanong, ba ititeile sehuba gore ba se fetwe ke dijo le fa e le dipe tsa semoya. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go nnile le bothata jwa batho ba ba lwalang ka nako ya kopano, ba sena ba losika kana maloko a phuthego a a ka ba thusang. Ka makgetlho a mangwe go ne ga tlhokega gore tsamaiso ya kopano e bitse tirelo ya kalafi ya tshoganyetso go isa mokaulengwe kana kgaitsadi kwa bookelong. Ke boikarabelo jwa ba lelapa le ba losika go tlhokomela motho yo o nang le bolwetsi jo bo ganang go fola. Lephata la Thuso ya Potlako kwa kopanong ga se lone le le tlhokomelang bolwetsi jo bo ganang go fola. Fa mongwe mo lelapeng la lona a tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng, tsweetswee tlhomamisega gore ga a tlogelwa a le nosi fa gongwe go ka diragala sengwe ka tshoganyetso. Mo godimo ga moo, ga go kitla go nna le dithulaganyo kwa kopanong tsa dikamore tse di kgethegileng tsa batho ba ba nang le mathata a dilo tse di ilwang ke mmele, tseo di ka dirang gore ba se ka ba dula mo mafelong a botlhe. Bagolwane ba tla batla go ntsha matlho dinameng go tlhokomela gore a ga go na ope mo phuthegong ya bone yo o tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng ya botsogo le go tlhomamisa gore a go na le dithulaganyo tse di dirilweng pele ga kopano go ba tlhokomela.

22 Go Nna le Dijo Tse o Tla di Jang mo Kopanong: Go na le dikakgelo di le dintsi tse di molemo tse di ileng tsa buiwa mabapi le mesola ya go itlela ka dijo tsa gago. Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana: “Ke kgona go bona sentle mesola e megolo ya semoya mo go seno. Nako yotlhe le maatla gone jaanong di ka kgona go dirisediwa mo dilong tsa semoya. Ga ke ise ke utlwe le fa e le kakgelo e le nngwe e e sa siamang.” Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Lona bakaulengwe ba ba rategang lo re kgothaditse ka sekao sa lona gore jaaka Bakeresete ka namana re itlhatlhobe mme re batle ditsela tsa go tokafatsa matshelo a rona le go oketsa tiro ya rona ya bomodimo.” Molebedi mongwe yo o etang o ne a kwala jaana ka ga paakanyetso ya tirelo ya nako e e fetileng ya dijo: “Thulaganyo e kgologolo e ne e dira gore bakaulengwe ba bantsi ba latlhegelwe ke thulaganyo yotlhe ya kopano.” Mabapi le dijo tse bakaulengwe ba di tlisang, mogolwane mongwe o ne a kwala: “Ba na le se ba se batlang fela, mme ga ba tlhoke gore ba se letele mo moleng.” Kwa bokhutlong kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Morago ga dithulaganyo go ne go le kagiso e bile go didimetse mme go ne go tletse moya wa boitumelo.” Ee, mongwe le mongwe o ne a tlile le mo go lekaneng go itlamela ka nako ya thapama. Ba bantsi ba ne ba tlhalosa gore ba ile ba nna le nako e ntsi ya go etela ditsala tsa bone.

23 Ga go kitla go nna le tirelo ya dijo gape monongwaga. O ka nna wa tlhatlhoba tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1995, serapa 26, ka metsotso e le mmalwa go bona dikakantsho tse di dirilweng malebana le dijonyana tse di otlang mmele tse re ka nang ra ya ka tsone kwa kopanong. Fa o ka tla ka nama kwa kopanong, tsweetswee gakologelwa gore dilo tse di ntseng jalo di na le go senyega fa go le mogote, ntle fela le fa o na le sengwe go di boloka di le tsididi. Ga go a tshwanela gore go tliwe ka dinwelo tsa galase kana dinotagi kwa lefelong la kopano. Fa go tlhokega dikhulara tse dinyenyane, di siame fa e le gore di tla kgona go tsena kafa tlase ga setulo sa gago. Gakologelwa gore go na le nako e ntsi ya go ja le go nwa dilo tse o tlileng ka tsone ka nako ya boikhutso jwa motshegare. Fela jaaka kwa Diholong tsa rona tsa Bogosi ka nako ya dipokano, ka dinako tsotlhe re tila go ja ka nako ya thulaganyo ya kopano. Ka gone re bontsha gore re tlotla thulaganyo ya kobamelo le dijo tsa semoya tse re di fiwang.

24 Mo bogautshwaneng Dikopano tsa Kgaolo tsa ntlha tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” di tla simolola. A o setse o feditse go dira dithulaganyo tsa go re o nne gone, a mme gone jaanong o setse o siametse go itumelela botsalano jo bo itumedisang ka malatsi a mararo le dilo tse di molemo tsa semoya? Re rapela ka bopeloephepa gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a lona gore lo nne gone mo kopanong ya selemo seno.

[Box on page 10]

Dikgakololo Tsa Kopanoy ya Kgaolo

Kolobetso: Bayakolobetsong Ba Tshwanetse Ba Bo Ba Le Mo Ditulong Tsa Bone Mo Karolong E E Supilweng Gore Ke Ya Bone Pele Ga Thulaganyo Ya Matlhatso Mo Mosong E Simolola. Go Ile Ga Lemogiwa Gore Bangwe Ba Apara Diaparo Tse Di Senang Seriti Le Tse Di Sa Tshwanelang Tiragalo Eno. Mongwe Le Mongwe Yo O Ipaakanyeditseng Go Kolobediwa O Tshwanetse Go Tla Ka Diaparo Tsa Go Sapa Tse Di Bori Le Toulo. Bagolwane Ba Phuthego Ba Ba Sekasekang Dipotso Tse Di Mo Bukeng Ya Bodihedi Jwa Rona Le Bayakolobetsong Ba Tla Batla Go Tlhomamisa Gore Mongwe Le Mongwe Wa Bone O Tlhaloganya Dintlha Tseno. Fa Puo Ya Kolobetso E Sena Go Fela Le Fa Sebui Se Sena Go Rapela, Modulasetulo Wa Karolo Ya Thulaganyo O Tla Neela Ba Ba Tlileng Go Kolobediwa Dikaelo Di Sekae A Bo A Bolela Pina E E Tla Opelwang. Morago Ga Mola Wa Bofelo, Batlhokomedi Ba Tla Kaela Bayakolobetsong Kwa Ba Tla Kolobelediwang Teng. E Re Ka Go Kolobediwa Go Supa Gore Motho O Ineetse Mo Go Jehofa, Ga Go Ne Go Dirwa Kolobetso Ya Balekane E Batho Ba Le Babedi Kana Ba Ba Oketsegileng Ba Tlamparelanang Kana Ba Tshwaranang Ka Diatla Fa Ba Kolobediwa.

Dibetšhe: Tsweetswee kopela betšhe ya 1996 kwa kopanong fa o ya le fa o boa go tswa kwa lefelong la kopano. Gantsi seno se dira gore re kgone go neela bosupi fa re ntse re le mo mosepeleng. O tshwanetse go reka betšhe ya gago le setshegetsi sa yone mo phuthegong. Tsweetswee di otareng ka bonako gonne di tla bo di seyo kwa kopanong. O se ka wa leta go fitlhela go setse malatsi a le mmalwa pele ga kopano e be e le gone o kopang dikarata tsa gago le ba lelapa la gago. Gakologelwa go tshola karata ya gago ya bosheng ya Advance Medical Directive/Release.

Marobalo: Re kopa tirisanommogo mo go mongwe le mongwe mo go diriseng Lephata la Marobalo. Bakwaledi ba phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba romela diforomo tsa Room Request kwa atereseng e e tshwanetseng ya kopano ka bofefo jo bo ka kgonegang. Fa o sa tlhole o tla robala kwa marobalong a o a rulaganyeditsweng ke Lephata la Marobalo, o tshwanetse wa itsise ka bonako motho yo o neng a go amogetse kana hotele le Lephata la Marobalo la kopano gore bonno joo bo neelwe motho yo mongwe.

Dipina: E re ka go opela e le karolo ya kobamelo ya rona, re kgothaletsa botlhe gore ba ithute dipina tse di latelang tseo di tla bong di dirisiwa mo thulaganyong: 159, 59, 26, 211, 215, 174, 123, 16, 207, 111, 42, 38, 127, 170, 8, 187, 15 le 212. Re akantsha gore bobotlana diphuthego di simolole go ithuta pina e le nngwe morago ga pokano nngwe le nngwe.

Dikolotsana Tsa Bana (Diporeme): Lephata la Molelo le akantsha gore di se ka tsa leriwe mo holong di bo di bewa mo diphasiking kana fa gare ga ditulo. E re ka batho ba tla kgotlhagana thata fa ba le bantsi, dikolotsana tsa bana di ka nna kotsi thata e seng mo maseeng fela mme le mo bathong ba ba ka di kgopang. Ka jalo tsweetswee lo se ka lwa tla le tsone mo holong. Lefa go ntse jalo, ditulo tsa masea kana tse ba nnang mo go tsone mo koloing di a letlelelwa e re ka di ka nna tsa bofelelwa mo ditulong tse di bapileng le batsadi. Re tla itumela fa lo ka dirisana mmogo le rona mo kgannyeng eno.

Tirelo ya Boithaopi: E re ka go sena tirelo ya dijo, ba bantsi ba ba neng pele ba bereka mo lephateng leo gone jaanong ba ka nna ba ithaopela go dira go sele. A o ka beela nako nngwe kwa thoko kwa kopanong gore o thuse kwa lephateng lengwe? Go direla bakaulengwe ba rona, lefa e ka nna ka diura di le mmalwa fela, go ka thusa thata e bile go ka dira gore o kgotsofale. Fa e le gore o ka kgona go thusa tsweetswee itlhagise kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopi kwa kopanong. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse 16 le bone ba ka thusa thata fa ba dira ba tlhokometswe ke motsadi kana mogolo mongwe yo o ka kgonang go ba tlhokomela sentle.

Tlhagiso: Re ka falola mathata a mantsi fa re ka dula re ntshitse matlho dinameng go bona dilo tse di ka tlhagisang mathata. Gantsi magodu le dinokwane ba tlhasela batho ba ba seng mo mafelong a ba a tlwaetseng. Tlhomamisa gore o lotlele koloi ya gago ka dinako tsotlhe mme le ka motlha o se ke wa tlogela sepe se bonala gore se raele motho go go thubela. Magodu le bakgothotsi ba rata dikokoano tse dikgolo. Ga go botlhale go tlogela dilo dingwe tse di botlhokwa mo setulong sa gago. Ga o kake wa tlhomamisa gore batho botlhe ba ba gaufi le wena ke Bakeresete. Ke eng fa o ba raela? Go ile ga begiwa gore batho bangwe ba ba tswang kwa ntle ba ne ba leka go hepisa bana gore ba tsamaye le bone. DIRA GORE O BONE GORE BANA BA GAGO BA FA KAE KA DINAKO TSOTLHE.

Thelebishene le dibidio tse di leng teng mo dihoteleng tse dintsi gantsi di supa ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe kana tse di tsosang dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Nna kelotlhoko mo seraing seno, mme o se ka wa letla bana ba gago gore ba lebelele thelebishene go sena motho yo o ba tlhokometseng mo mafelong ano.

Tsweetswee o se ka wa founela baokamedi ba lefelo la kopano o batla tshedimosetso epe ka dilo tse di amang kopano. Fa bagolwane ba sa itse sepe, kwalela Komiti ya Kopano fa o sena go bona aterese mo mokwaleding wa phuthego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela