LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/96 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 11/96 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya November: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go boela gotlhe kwa go tsamaisitsweng buka eno gone, ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. December: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R4,00. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R4,00. February: Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! ka moneelo wa R12,00.

◼ Diphuthego tse di santseng di na le Dikgang Tsa Bogosi No. 34 di ka kgothaletsa baboledi ba tsone gore ba di tsamaise ka mokgwa o ba tsamaisang dipampitshana tse dingwe ka one, ka ntlo le ntlo kana mo gongwe. Fa go tshwanela, baboledi ba ka tlogela e le nngwe gongwe le gongwe kwa ba sa fitlhelang motho gone, ba tlhomamise gore e bewa mo e sa bonweng ke bafeti ka tsela. Go tshwanetse ga dirwa boiteko jwa go tsamaisa dikhopi tse di setseng tsa molaetsa ono o o botlhokwatlhokwa.

◼ KGAKOLOLO: Botlhe ba lebile pele ka tlhoafalo go Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ka December monongwaga. A o tla nna gone? A o dirile dithulaganyo tsa gore o nne gone malatsi otlhe a mararo? Monongwaga re tla nna le dikopano tse dinnye mo mafelong a a gaufi e bile mo dikgaolong tse dingwe re tla bo re dirisa mafelo a masha. (Bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1996, go bona dintlhakgolo tsa kopano.) Thulaganyo eno e e mo nakong e tla re nonotsha tumelo. Tsweetswee tlhomamisa gore o nne le betšhe ya gago ya kopano ka nako. Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse a e tsenya ka nako ya kopano e leng selo se se tla go supang gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Dibetšhe tseno ga di na go nna gone kwa kopanong.

◼ Fa lo kwalela Mokgatlho ka peeletso e e sa amogelwang, tsweetswee tsenyang le khopi ya foromo ya yone ya Weekly Subscriptions (M-203) le pampitshana ya yone ya peeletso. Seno se tla dira gore go se ka ga nna le go diega go go sa tlhokegeng fa re berekana le kopo eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela