Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R4,00. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R4,00. February: Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! ka moneelo wa R12,00.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga foo. Itsise phuthego fa seno se sena go dirwa.
◼ Fa lo romela ditšheke le di-postal order kwa Mokgatlhong, tsweetswee tlhomamisang go kwala gore e amogelwe ke Watch Tower Society. Fa lo sa dire jalo go ka nna ga raya gore mongwe le mongwe a ka nna a tsenya leina la gagwe gore e nne yo o tla amogelang madi ao.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Mafelo a masha a dikopano tse di latelang ke:
Port Elizabeth (Seburu, Seesemane): St. George’s Park
East London: Jan Smuts Stadium
Matlha one a santse a ntse fela jalo.