Lebokoso la Dipotso
◼ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itlhaganelela go bega tiro ya rona ya tshimo kgwedi le kgwedi?
Rotlhe re a itumela fa re utlwa ka dilo tse di molemo tse di fitlheletsweng mo go rereng molaetsa wa Bogosi. (Bona Diane 25:25.) Ditiro 2:41 e bega gore morago ga puo ya ga Petere e e tlhotlheletsang ka letsatsi la Pentekosete, go ne ga “okediwa ka . . . e ka ne e le ka batho ba le 3000.” Nakonyana e khutshwane morago ga moo, palo eo e ne ya gola ya nna “e ka ne e le 5000.” (Dit. 4:4) A bo dipego tseo di ile tsa itumedisa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga thata jang ne! Le gompieno re itumelela dipego tse di kgothatsang jalo. Re itumelela go utlwa ka katlego e bakaulengwe ba rona ba e bonang mo go rereng mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe.
E re ka go dirisiwa nako e ntsi le maiteko mo go direng dipego tse di ntseng jalo, tirisanommogo ya mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi e botlhokwa. A o ela tlhoko gore o itlhaganelela go tlisa pego ya gago kgwedi le kgwedi?
Dipego tsa dikoketsego di re tlisetsa boitumelo jo bogolo. Mo godimo ga moo, dipego di thusa Mokgatlho go bona kgatelopele ya tiro ya lefatshe lotlhe. Go tshwanetse ga dirwa ditshwetso tsa gore ke kae mo go tlhokegang thuso e e oketsegileng gone kana mofuta le palo ya dibuka tse di tla tlhagisiwang. Bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ba dirisa dipego tsa tirelo ya tshimo go tlhomamisa gore go ka tokafadiwa kae. Dipego tse di molemo di a re kgothatsa, di re rotloetsa rotlhe go tlhatlhoba bodiredi jwa rona e le gore re tokafatse fa go tlhokegang gone.
Baboledi botlhe ba tlhoka go lemoga maikarabelo a bone ka namana a go itlhaganelela go tlisa pego ya tirelo ya tshimo kgwedi le kgwedi. Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba ka gakolola baboledi ka boikarabelo jono e re ka gape ba ntshitse matlho dinameng go thusa ka namana ba ba ka tswang ba na le mathata mangwe a go nna le seabe mo tirelong ya tshimo ka metlha kgwedi le kgwedi. Kgakololo eno e ka dirwa mo thutong ya buka mo bekeng ya bofelo ya kgwedi nngwe le nngwe kana ka nako nngwe e e tshwanelang. Fa go sena tshono ya go tsenya dipego tsa tirelo ya tshimo kwa Holong ya Bogosi, motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego a ka nna a di tsaya a bo a di naya mokwaledi nako e santse e le teng gore di akarediwe le dipego tsa phuthego tsa kgwedi le kgwedi tse di yang kwa Mokgatlhong.
Fa ka botlhaga re itlhaganelela go bega tiro ya rona ya tshimo ka boikanyegi, go tla dira gore ba ba rweleng boikarabelo jwa go re tlhokomela semoyeng ba tlhofofalelwe ke tiro.