Basupi ba ga Jehofa—Bareri ba Boammaaruri ba Efangele
1 Jesu Keresete o ne a naya barutwa botlhe ba gagwe boikarabelo jwa go rera efangele, a ba laela ka tlhamalalo go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Math. 24:14; Dit. 10:42) Barutwa ba gagwe ba pele ba ne ba tlhoma sekao mo go seno fa ba ne ba bua ka Bogosi ba sa kgaotse—e seng fela kwa mafelong a kobamelo mme le gongwe le gongwe koo ba neng ba kopana le batho gone mo mafelong a botlhe le ka go tsamaya ka ntlo le ntlo. (Dit. 5:42; 20:20) Jaaka Basupi ba ga Jehofa gompieno, re ipontshitse re le bareri ba Bakeresete ba boammaaruri ba efangele, re rera molaetsa wa Bogosi mo dinageng tse 232 le go kolobetsa barutwa ba basha ba ba fetang milione mo dingwageng tse tharo fela tse di fetileng! Ke ka ntlha yang fa tiro ya rona ya go rera efangele e ile ya atlega thata jaana?
2 Dikgang Tse di Molemo Di a Re Itumedisa: Bareri ba efangele ke bareri, kana barongwa, ba dikgang tse di molemo. Ka jalo, re na le tshiamelo e e itumedisang ya go itsise Bogosi jwa ga Jehofa—dikgang tse e leng tsone fela tse di molemo tsa mmatota tse re ka di nayang batho ba ba ngomogileng pelo. Re itumelela kitso e re setseng re na le yone ya magodimo a masha a a tla busang lefatshe le lesha ka tshiamo le le dirilweng ka batho ba ba ikanyegang mo Paradaiseng e e tlang. (2 Pet. 3:13, 17) Ke rona fela ba ba nang le tsholofelo eno, mme re rata go e naya le ba bangwe.
3 Re Tlhotlhelediwa ke Lorato Lwa Boammaaruri: Go rera efangele go boloka matshelo a batho. (Bar. 1:16) Ke gone ka moo re itumelang thata fa re anamisa molaetsa wa Bogosi. Jaaka bareri ba boammaaruri ba efangele, re rata batho, mme seo se re tlhotlheletsa go ba bolelela dikgang tse di molemo—ba malapa a rona, baagelani, ditsala le ba bangwe ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka gone. Go dira tiro eno ka moya otlhe ke nngwe ya ditsela tse di molemo thata tse re ka bontshang ka tsone gore eleruri re rata batho ba bangwe.—1 Bathes. 2:8.
4 Re Tshegediwa ke Moya wa Modimo: Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore fa re dira tiro ya rona ya go jala le ya go nosetsa peo ya Bogosi, ke Jehofa “o o godisang.” Tota ke sone se re se bonang se diragala mo phuthegong ya rona gompieno. (1 Bakor. 3:5-7) Ke moya wa Modimo o o re tshegetsang mo tirong ya rona ya go rera efangele e bile o dira gore re atlege thata.—Joele 2:28, 29.
5 Ka ntlha ya kgothatso e e mo go 2 Timotheo 4:5 ya go “dira tiro ya moefangele,” le ka ntlha ya go bo re rata batho botlhe e kete re ka tlhotlheletsega go bolela dikgang tse di molemo tse di itumedisang tsa Bogosi ka sebaka sengwe le sengwe, re tshepa gore Jehofa o tla nna a segofatsa tiro ya rona.