Go Molemo Jang ne go Nna Gone ka Metlha!
1 Go fetile masomesome a dingwaga bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba Yuropa Botlhaba ba ilediwa go kokoana mmogo phatlalatsa. Akanya fela ka boipelo jo ba ileng ba nna le jone fa dikiletso tseno di tlosiwa mme jaanong ba kgona go kokoana mmogo ka kgololesego!
2 Molebedi mongwe wa potologo o ile a kwala jaana malebana le loeto lwa gagwe kwa go nngwe ya diphuthego tseno: “Ka Labobedi maitseboa mo tshimologong ya loeto lwa me, ke fa hitara e robega. Kwantle themperetšha e ne e le tsididitsididi mme mo teng e ne e ka nna di dikirii tsa Celsius di le 5 fela. Bakaulengwe ba ne ba dutse ba apere dijase tsa bone, disekhafa, ditlelafa, ditlhoro le dibotsu. Go ne go se ope yo o lebang ditemana mo Baebeleng e re ka ba ne ba sa kgone go di phetlha. Ke ne ke eme mo seraleng ke apere sutu ke gatsetse mme nako le nako fa ke bua ke ne ke kgona go bona moya wa dinko tsa me. Mme selo se se neng sa nkgatlha thata ke gore ga ke a utlwa ope a ngongorega. Bakaulengwe botlhe ba ile ba bolela gore go ne go le monate e bile go le molemo go nna gone!” Bakaulengwe bao ga ba a ka ba tlelwa ke kgopolo epe ya gore ba se ka ba nna gone mo pokanong eno!
3 A ke Kafa Re Ikutlwang ka Teng? A re anaanela tshono ya go kopana ka kgololesego kwa dipokanong tsa rona tsa beke le beke? Kana a go bonala re sa anaanele dipokano tsa rona fa maemo a re letla? Go nna gone ka metlha mo dipokanong go ka nna ga se ka ga nna motlhofo, e bile go ka nna le dinako tse re nang le mabaka a a utlwalang a go se nne teng. Le fa go ntse jalo, le ka motlha re se lebale gore mo gare ga rona go na le batho ba ba tsayang dipokano di le botlhokwa thata mme ba leka ka natla go nna gone ka metlha mo go tsone le mororo ba godile ka dingwaga, ba lwala thata, ba golafetse, ba bereka tiro e e ngomolang tlhogo le go nna le maikarabelo a mangwe a a masisi. A bo e le dikao tse di molemo jang ne go di etsa!—Bapisa Luke 2:37.
4 A re emeng kobamelo ya boammaaruri nokeng ka go nna gone ka metlha mo dipokanong tsotlhe tsa rona tsa Bokeresete, go tloga ka tsa setlhopha se sennye sa thuto ya buka go ya go kopano e kgolo. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya go nna gone mo dikokoanong tseno masisi? Ka gonne ke taelo ya Modimo gore re kopane mmogo. Mme go na le mabaka a mangwe gape a a botlhokwa. Rotlhe re tlhoka go solegelwa molemo ke thuto ya Modimo le thuso ya moya o o boitshepo tse re di newang mo dipokanong. (Math. 18:20) Re nonotshiwa ke go kgothatsana fa re kopane le bakaulengwe ba rona.—Baheb. 10:24, 25.
5 Ka nako ya fa Petere a ne a bona Jesu a fetoga ponalo o ne a re: “Moruti, go molemomogolo go bo re le fano.” (Luke 9:33) Re tshwanetse go ikutlwa jalo le ka dipokano tsotlhe tsa rona tsa Bokeresete. Ee ruri, go molemo jang ne go nna gone ka metlha!