Dirisa Diboroutšhara go Ikuela mo Mogopolong le mo Pelong
1 Boammaaruri jwa Baebele bo tshwanetse jwa neelwa ka tsela e e tla ikuelang mo mogopolong le mo pelong. Fa Jesu a ne a tlhalosetsa bareetsi ba gagwe boammaaruri, o ne a tlhopha ditlhogo tse di neng di ba kgatlha le tse di ba tlhotlheletsang. (Luke 24:17, 27, 32, 45) Go atlega mo bodireding jwa rona go ikaegile thata ka boiteko jo re bo dirang go itse dilo tse bareetsi ba rona ba di tlhokang mo semoyeng.
2 Diboroutšhara di ka nna didirisiwa tse di mosola thata go fitlhelela mogopolo le dipelo tsa batho ba re kopanang le bone mo bodireding. Akanyetsa go sa le gale gore ke mang yo o ka amogelang molaetsa o o mo boroutšhareng nngwe le nngwe e e tsamaisiwang ka August:
—A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? Batho ba ba tlhokang kana ba ba kileng ba welwa ke bomadimabe ba tla anaanela molaetsa ono o o gomotsang o o malebana le isagwe e e se nang pogo.
—Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? Basha ba ba akanyetsang isagwe ya bone ka tsela e e masisi ba tla solegelwa molemo ke dipotso tse di theilweng mo Baebeleng tse di fitlhelwang mo boroutšhareng jono.
—Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! Ditshwantsho di le dintsi le ditemana tse di umakilweng fela tse di mo go jone di tla thusa bana ba bannye le batho ba ba sa kgoneng go bala gore ba tlhaloganye maikaelelo a Modimo.
—Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Mongwe le mongwe yo o amanang le puso o ka nna a rata molaetsa ono o o malebana le kafa Bogosi jwa Modimo bo tlileng go rarabolola mathata a a boima a batho ka gone.
—Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Bakaedi ba le bantsi ba diphitlho ba itumelela go nna le dikhopi di le dintsi tsa boroutšhara jono gore ba di neele ba malapa a a swetsweng. Baboledi ba ba neelang bosupi kwa mabitleng ba dirisa boroutšhara jono gore ba gomotse ba ba hutsafetseng. Bokgaitsadi ba babedi ba ne ba atamela lelapa lengwe la batho ba le supa le le neng le rapela fa lebitleng. Ka go bo ba ne ba ba bolelela molaetsa o o gomotsang o o tswang mo boroutšhareng jono, go ne ga simololwa thuto ya Baebele le mmè mo letsatsing le le latelang!
—A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? Motho yo o gagamaletseng bodumedi thata a ka nna a amogela boammaaruri jo bo fitlhelwang mo bukeng eno e e tlhalosang dilo sentle e e senolang thuto eno ya motheo ya Labokeresete.
3 Itlwaelanye le boroutšhara bongwe le bongwe, mme o bone gore o ka bo dirisa jang ka tsela e e molemolemo mo tshimong ya lona. Go bona gore o ka di buelela jang, bona tsebe ya bofelo ya kgatiso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 1998. E kete Jehofa a ka segofatsa maiteko a gago a go fitlhelela megopolo mmogo le dipelo tsa batho.—Mar. 6:34.