Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? le Will There Ever Be a World Without War? di ka tsamaisiwa koo go tshwanelang teng. September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata. October: Dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata.
◼ Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tse tharo tsa Literature Inventory (S-AB-18). Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse gore a kopane le motlhanka wa dibuka go sa le gale ka August mme ba beye letsatsi le ba tla balang dibuka tsotlhe tse di mo setokong sa phuthego kwa bofelong jwa kgwedi. Go tshwanetse ga balwa dibuka tsotlhe tse di mo setokong mme palogotlhe ya tsone e bo e kwalwa mo foromong ya Literature Inventory. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng gone e ka bonwa go tswa go motlhanka wa dimakasine. Tsweetswee tlhomamisang gore seno se bo se dirilwe ka September 1 mme lo romele foromo e e fa godimo kwa Mokgatlhong ka bonako fela fa lo sena go amogela tshupamolato ya lona ya August. Ipolokeleng khopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Lo ka nna lwa dirisa khopi ya boraro go balela mo go yone. Mokwaledi o tshwanetse gore a tlhokomele go balwa gono ga dibuka, mme foromo e e setseng e tladitswe e tshwanetse ya tlhatlhobiwa ke molebedi yo o okamelang. Mokwaledi le molebedi yo o okamelang ba tla saena foromo.
◼ Dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 1998 di tshwanetse tsa otariwa mme madi a tsone a disente di le 10 e le nngwe a tla tsenngwa mo akhaontong ya phuthego ya dibuka. Diphuthego tse di se nang akhaonto mo Mokgatlhong kana di kolota mo akhaontong ya tsone di tshwanetse go romela madi fa di romela diotara tsa tsone. Tsweetswee di otareng ka palo ya selekanyo sa 20 fa go kgonega. Dibetšhe tseno di teng ka Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Tsweetswee dirisang foromo ya Literature Order (S-14) fa lo di otara. Diotara tseno di tshwanetse gore di fitlhe mo Mokgatlhong pele ga November 1, 1998. Morago ga moo ga re na go amogela diotara tsa dibetšhe.
◼ Go tloga ka August 28, 1998, go ya go August 31, 1998, Mokgatlho o tla bala dibuka tsotlhe tse di leng teng mo Bethele. Ka ntlha ya go balwa gono ga dibuka, ga go na diotara dipe tsa dibuka tsa phuthego tse di tla romelwang kana tse di tla tlang go tsewa mo malatsing ao.
◼ Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka ka bonako dikopo tsotlhe tsa tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha. Komiti ya tirelo ga e a tshwanela go tshwara kopo eno mo go bone ba re gore ba bone gore a mong wa yone o ka kgona go fitlhelela diura tse di tlhokegang. Letlha le motho yono a tlhomiwang ka lone le ka fetolwa fa dikopo di amogetswe morago ga letlha le a kopileng go simolola ka lone. Ga go na thulaganyo ya go tlhoma babulatsela ba dikopo tsa bone di gorogileng morago ga letlha le ba kopileng go simolola ka lone kwantle fela ga fa go na le mabaka mangwe a a rileng a a tlhokang go akanyediwa. Fa go na le maemo a a ntseng jalo, kopo eno e tshwanetse ya tla le lekwalo.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986, dirapa 24-6.
◼ Go tla balwa motseletsele wa diboroutšhara mo Thutong ya Buka ya Phuthego fa go feditswe buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Kitsiso e e neng e le mo kgatisong ya May 1998 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne ya bontsha gore beke e e simololang ka September 21, go tla balwa boroutšhara jwa Re Direng. Go tswa foo go tla balwa Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? le A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
◼ Dibuka Tse Disha Tse di Leng Gone:
New World Translation of the Holy Scriptures (E e tlwaelegileng; phuthego le batho botlhe: R20,00; babulatsela: R15,00)—Segerika, Se-Poland