LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/00 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 1/00 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya January: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela kana Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng jwa go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae. April: Dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dira gore o nne le boroutšhara jwa Re Direng go bo naya batho ba ba kgatlhegang mme o leke go simolola dithuto tsa legae tsa Baebele.

◼ Baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba leng teng mo Pokanong ya Tirelo ya beke ya January 31 ba tla newa dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le di-Identity Card tsa bana ba bone.

◼ Go simologa ka February, mme e seng morago ga March 5, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla nna “Haramagedona ya Mmatota—Ka Ntlha Yang? Leng?”

◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa go keteka Segopotso monongwaga ka Laboraro, April 19, fa letsatsi le sena go phirima. Le fa gone puo e ka simolola pelenyana, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso tsa Segopotso ga go a tshwanela go simolola pele ga letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore letsatsi le tla phirima leng mo lefelong la lona. Le fa gone re rata gore phuthego nngwe le nngwe e tshware mokete wa yone wa Segopotso, ga se gantsi go ka kgonegang gore go dirwe jalo. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe phuthego e le nngwe kana go feta di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore bobotlana go nne le metsotso e le 40 fa gare ga fa phuthego e nngwe e tswa mme go tsena e nngwe gore botlhe ba sologelwe molemo ka botlalo ke tiragalo eo, le go dira gore go nne le nako ya go dumedisa baeng le go kgothatsa ba ba sa tswang go kgatlhega. Gape go tshwanetswe ga akanyediwa mathata a pharakano le a go emisa dikoloi, go akaretsa le go pagolola le go pagamisa bapalami. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa swetsa gore ke dithulaganyo dife tse di tla dirang sentle mo lefelong la lona.

◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya nako ya Segopotso sa 2000 e tla neelwa ka Sontaga April 16. Setlhogo sa puo eno e tla bo e le “Lebaka La go Bo Motho a Tlhoka Thekololo.” Lo tla romelelwa aotlelaene. Diphuthego tse di tla bong di na le molebedi wa potologo, kopano ya potologo kana kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe mo mafelobekeng ao di tla nna le puo e e kgethegileng ya phatlalatsa mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go nna le puo e e kgethegileng ya phatlalatsa pele ga April 16, 2000.

◼ E re ka lekala la rona le sa tswa go kopiwa ke Setlhopha se se Laolang bosheng jaana gore se thuse ka go dira dipolane tsa diporojeke tsa kago tsa makala mo Afrika, Ofisi ya rona ya Boenjenere e tlhoka ka bonakonako bakaulengwe kana bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo ba e leng batlhami ba dipolane kana di-architectural technician, baenjeniri kana di-technician tsa motlakase, baenjeniri kana batlhami ba dikago, di-quantity surveyor le baokamedi ba porojeke.

◼ April 1, 2000 e tla nna Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine. Mo nakong e e fetileng ba le bantsi ba ile ba itumelela go nna le seabe mo tirong ya Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine. Ke ka ntlha yang fa o sa simolole go rulaganya gone jaanong gore o nne le seabe ka botlalo monongwaga? Diphuthego di tshwanetse go romela diotara tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo kgonegang.

◼ Ka ntlha ya thulaganyo e e tlhofofaditsweng ya go aba dibuka e e setseng e dira jaanong, Mokgatlho ga o kitla o tlhola o otara Dibaebele tsa dipuo tsa rona tse e seng tsa dikgatiso tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Fa setoko se re nang le sone se fela, tsweetswee lo ka nna lwa ithekela tsone kwa barekising ba tsone ba mo lefelong la lona fa e le gore lo a di tlhoka. Gape re gakolola botlhe gore dibuka tsotlhe jaanong di tshwanetse go bonwa ka phuthego, ka go bo lephata la dibuka kwa Bethele le sa tlhole le dira.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela