LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/00 ts. 5-6
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 4/00 ts. 5-6

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Tlhatlhobo ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa January 3 go ya go April 17, 2000. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwala mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.

[Elang tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa tlhatlhobo eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse go lebisitsweng mo go tsone tse di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo dikarolong tsotlhe tse go lebisitsweng mo go tsone go Tora ya Tebelo.]

Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:

1. Ka dinako tse dingwe re tshwanetse go leta gore re amogele masego a ga Jehofa, ka gonne Jehofa o itse boemo jwa rona mme o re tlamela ka sengwe le sengwe se se tlhokegang ka nako e se tla re solegelang molemo ka yone. (Pes. 145:16; Jak. 1:17) [w98-TN 1/1 ts. 23 ser. 6]

2. Go nna gone ga letlole la kgolagano ka bogone fela go ne go sa tlhomamise gore Baiseraele ba ne ba tla atlega. Ba ba neng ba tshwere letlole ba ne ba ka amogela masego a ga Jehofa go ikaegile ka bomoya jwa bone le go utlwa ga bone ka boikanyegi. (Još., kgao. 7) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona it-1 ts. 167 ser. 2.]

3. Gompieno re otlwa semoyeng ka go bala fela mafoko a ga Jehofa. (Dute. 8:3) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w85-TN 6/15 ts. 17 dir. 15, 17.]

4. Molaomotheo o o gateletsweng mo Molaong wa ga Moshe o o mo go Duteronome 23:20 o bontsha gore Mokeresete o tla bo a sa bontshe lorato fa a duedisa motho yo o adimileng madi morokotso. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona it-1 ts. 1212 dir. 5, 6; it-2 ts. 259 ser. 12; w86-TN 10/15 ts. 12 ser. 9.]

5. Pego ya ga Joshua le Kalebe e e supang go nna le tsholofelo e ne e ikaegile ka tumelo ya bone e e nonofileng ya gore Baiseraele ba na le nonofo e bile ba ikemiseditse go fenya dikgoreletsi dipe tse di neng di ba thibela go gapa Naga e e Solofeditsweng. (Dipa. 13:30) [w98-TN 2/1 ts. 5 ser. 4]

6. Fa Paulo a ne a bua ka “mpho” mo go 1 Timotheo, o ne a gakolola Timotheo gore o tloditswe ka moya o o boitshepo le ka tuelo ya selegodimo e a neng a tlile go e amogela. (1 Tim. 4:14) [w98-TN 2/15 ts. 25 ser. 1]

7. Buka ya Jošua ga e golagane ka gope le rekoto e e re gogelang kwa go tlhageng ga Losika lwa Bogosi. [si-TN ts. 46 ser. 24]

8. Buka ya Baatlhodi ke rekoto ya banna ba ba neng ba tlhophiwa le go tlhomiwa ke Iseraele gore ba buse setšhaba pele ga motlha wa dikgosi. [si-TN ts. 46 ser. 2]

9. Kopo ya ga Gideone, jaaka e tlhalositswe mo go Baatlhodi 6:37-39, e bontsha gore o ne a le kelotlhoko ka tsela e e feteletseng e bile a sa tshepe sepe. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w88-TN 4/1 ts. 30 ser. 6.].

10. Fa Jesu a laela barutwa ba gagwe gore ‘ba se ka ba kamatlela ope fa ba dumedisa mo tseleng,’ o ne a gatelela gore tiro ya go rera e ne e potlakile le gore go tlhokega gore go tlhomiwe mogopolo thata mo tirong eno e e botlhokwa. (Luke 10:4) [w98-TN 3/1 ts. 30 ser. 5]

Araba dipotso tse di latelang:

11. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore mafoko a ga Jehofa a nne mo dipelong tsa batsadi? (Dute. 6:5, 6) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w98-TN 6/1 ts. 20 ser. 4.]

12. Tlhogo ya lelapa e ka dirisa jang molaomotheo o o kwadilweng mo go Duteronome 11:18, 19? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona fy-TN ts. 71 ser. 14.]

13. Dikwalo di bontsha jang gore lekgoba leno la motshabi e bong Onesimo go bonala le ne le setse le nnile le moaposetoloi Paulo ka nakwana pele Paulo a kwalela Filemone? [w98-TN 1/15 ts. 30 ser. 2]

14. Fa re bona ditshiamololo kana fa di re diragalela, ke eng se re ka se dirang gore re se ka ra nna le boikutlo jwa go kgobega marapo kana go tlhoka tsholofelo? [w98-TN 2/1 ts. 6 dir. 2-3]

15. Joshua le Gideone ba ne ba bontsha jang gore ba tlotla molao wa Modimo? (Dute. 20:8, 15-18) [si-TN ts. 41 ser. 32]

16. Ditiragalo tse di boletsweng mo go Jošua 10:10-14 di tsamaelana jang le tse re di lebeletseng ka Haramagedona? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w86-TN 12/15 ts. 23 ser. 12–ts. 24 ser. 14.]

17. Naya melemo e meraro ya go baka motho go tswa pelong ka ntlha ya boitshwaro jo bo siameng. (Bapisa Diane 15:23.) [w98-TN 2/1 ts. 31 dir. 5-6]

18. Go dumalana le Jošua 20:4, motho o tshabela jang kwa motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w86-TN 12/15 ts. 24 ser. 16.]

19. Baatlhodi 5:31 e bontsha jang gore go fenya ga ga Moatlhodi Barake masole a a nonofileng a ga Sisere kwa mokgatšheng wa noka ya Kishona go kaya sengwe se se botlhokwa mo motlheng wa rona? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w86-TN 2/15 ts. 21 ser. 4.]

20. Re ka bontsha jang gore re tlotla se se bolelwang ke molaomotheo o o tlhalosiwang ke mafoko a a reng “ba ema, . . . mongwe le mongwe mo boemong jwa gagwe,” jaaka o kwadilwe mo go Baatlhodi 7:21? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w82-TN 11/1 ts. 29 ser. 17.]

Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:

21. Gore re bone masego a magolo a ga Jehofa, re tshwanetse go tswelela pele re ․․․․․․․․ le go kopa Jehofa gore a re thuse go ․․․․․․․․ dithuto tse di leng mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. (1 Tim. 4:8, 9) [w98-TN 1/1 ts. 24 ser. 6]

22. Go fora ga go itumedise Jehofa ka gonne go tlhotlhelediwa ke ․․․․․․․․, ․․․․․․․․, mme mo godimo ga tsotlhe, ․․․․․․․․. [w98-TN 2/1 ts. 30 dir. 2-3]

23. Leina Joshua le kaya “․․․․․․․․,” mme e ne e le setshwani sa boporofeti sa ga ․․․․․․․․. [si-TN ts. 42 ser. 5]

24. Go dumalana le setshwantsho sa ga Jesu mo go Mathaio 7:24-27, batsadi ba ba bonokopela ba ka thusa bana ba bone go emelana le mathata a a jaaka pula ya matlakadibe ka go ba neela ․․․․․․․․ tse di tla ba thusang go nna ba ․․․․․․․․. [w98-TN 2/15 ts. 9 ser. 1]

25. Pego ya hisitori e e mo bukeng ya Baatlhodi e akaretsa nako ya go tloga ka loso lwa ga ․․․․․․․․ go ya go fitlha mo motlheng wa ga ․․․․․․․․, e akaretsa dingwaga tse di ka nnang ․․․․․․․․. [si-TN ts. 47 ser. 5]

Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:

26. Go tsaya dikgato dingwe malebana le go aba dithoto tsa gago fa o ka tlhokafala ke (kgang ya phuthego; kgang ya gago ka namana; se se tlhokegang mo Bakereseteng ba boammaaruri). (Bagal. 6:5) [w98-TN 1/15 ts. 19 ser. 6]

27. Paulo o ne a kgothaletsa Filemone gore a amogele (Oname; Onesiforo; Onesimo) ka lorato mme le fa go ntse jalo, ga a ka a dirisa taolo ya gagwe ya boaposetoloi go mo laela gore a dire jalo kana gore a golole lekgoba leno la gagwe. (File. 21) [w98-TN 1/15 ts. 31 ser. 1]

28. Bokoa jo bo masisi jo bo bontshiwang mo pegong ya balepero ba ba neng ba fodisiwa ke Jesu ke jwa (go tlhoka tumelo; go tlhoka kutlo; go tlhoka tebogo). (Luke 17:11-19) [w98-TN 2/15 ts. 5 ser. 1]

29. E re ka Modimo a ne a se kgatlhanong le tsela ya ga Rahabe, se a neng a se bolelela banna ba Jeriko ba ba neng ba lelekile ditlhola tsa Baiseraele se bontsha gore (le fa o ka aka, ke kgang ya gago ka namana; motho ga a patelesega go senola tshedimosetso e e boammaaruri mo bathong ba ba sa tshwanelang; o ne a ise a fetole ditsela tsotlhe tsa gagwe tsa selefatshe). (Još. 2:3-5; bapisa Baroma 14:4.) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w93-TN 12/15 ts. 25 ser. 1.]

30. Jaaka go kwadilwe mo go Johane 13:5, thuto ya ga Jesu e a neng e neela e gatelela nonofo ya (bopelonomi; kutlwelobotlhoko; boikokobetso), e e dirang gore motho a direle ba bangwe ditiro tse di nyatsegang. [w98-TN 3/15 ts. 7 ser. 6]

Lebaganya lengwe le lengwe la makwalo ano le ntlha e e dumalanang le lone: Dute. 7:3, 4; 17:7; 25:11, 12; 28:3; Jer. 15:20

31. Tsela e Mmopi a lebang dirwe tsa tsalo ka yone e tshwanetse ya ama tshwetso e Mokeresete a e dirang malebana le mokgwa o o tshwanetseng wa go thibela pelegi. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w99-TN 6/15 ts. 28 dir. 1-4.]

32. Re ka tshepa gore Jehofa o tla re thusa fa re ntse re dira thomo ya gagwe ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. [w98-TN 3/1 ts. 28 ser. 1]

33. Go tlhwaela tsebe tlhagiso ya Baebele go dira gore re se ka ra nna le diphelelo tse di botlhoko tse gantsi di bakwang ke fa Mokeresete a pataganela jokwe le motho yo o sa dumeleng. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 11/1 ts. 20 ser. 11.]

34. Gore re itumelele masego a Modimo ga go a ikaega ka gore re ka tswa re nna kae, kana gore re direla kae kana gore ke tiro efe e re ka tswang re e dira mo tirelong ya Modimo. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 6/15 ts. 15 ser. 15.]

35. Paulo o nopola Molao wa ga Jehofa e le sekai sa dithuto tsa gagwe tse di leng mo go 1 Bakorintha kgaolo 5 tse di malebana le go kgaolwa. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona si-TN ts. 213 ser. 24.]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela