Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, le Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? di ka tsamaisiwa koo go tshwanelang gone. September: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. October: Dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Go tloga ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Puso ya Motho—E Lekantswe mo Selekanyong.”
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 2001 mo kopong ya tsone ya dibuka ya July. Tsweetswee lo somarele diforomo tseno. Di tshwanetse tsa dirisediwa tiro ya tsone fela.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!—Mokwalo wa Difofu wa Seesemane
◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Leng Teng:
Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana No. 20)—Puo ya Diatla ya Amerika
Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala—Puo ya Diatla ya Amerika