LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/00 ts. 3
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 7/00 ts. 3

Dikgang Tsa Puso ya Modimo

◼ Afrika Borwa: Mo kgweding ya March go kgakotswe Diholo tse dingwe tsa Bogosi tse pedi, ya Oukasie (Brits) le ya Maun (Botswana). Re itumela le bone ka gore jaanong ba na le mafelo a go obamela morago ga go fetsa dingwaga di le dintsi ba se na one. Ka ntlha ya sekgala se seleele se baithaopi ba neng ba tshwanelwa ke go se tsamaya go ya go thusa kwa Phuthegong ya Maun, go ba tsere dingwaga di le tharo gore ba age holo ya bone. Komiti ya Kago ya Kgaolo ya Botswana e ile ya thusa gore holo eno e fele. Gape, ngogola lelapa lengwe le ne la amogela taletso e e mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998 ya go ya go direla kwa go tlhokegang thuso thata gone, mme ba ne ba thusa go fetsa holo eno fa ba ntse ba dira tshimo ya Seesemane. Re leboga bakaulengwe botlhe le Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo tse di thusitseng mo ditirong tseno. Re rata go kgothaletsa diphuthego tse di ikagelang diholo gore di ipeele mokgele wa go di kgakola pele ngwaga ono o fela. Komiti ya Kago ya Kgaolo e e mo lefelong la lona e tla rata go lo thusa mo ntlheng eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela