Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Go ne ga kgakolwa Diholo Tsa Bogosi di le tlhano ka October, mme seno se dira gore palogotlhe ya diholo tse di kgakotsweng mo dikgweding tsa ntlha tse pedi tsa ngwaga ono wa tirelo e nne tse robongwe.
Kwa Swaziland go kgakotswe Diholo Tsa Bogosi di le nnè. Ka thuso ya Komiti ya Kago ya Kgaolo le lelapa lengwe le le tswang Afrika Borwa le le neng la fudugela teng, go ne ga wediwa diholo di le tharo tse di neng di sa bolo go nna di sa fela ka dingwagangwaga, mme diholo tsa teng ke tsa Guquka, Siteki le Sithobela. Ya bonè ke holo e ntšha e e agilweng kwa Mambane.
Holo ya Grange Westgate kwa Pietermaritzburg le yone e ne ya kgakolwa.