Botsalano Jwa Bokeresete bo Botlhokwa go le Kana Kang?
1 “Ga go motho ope yo o ka kgonang go tshela a le nosi.” Mafoko ano a mmoki mongwe wa lekgolo la bo17 la dingwaga a bontsha fela se Baebele e se bolelang ka selo sa konokono se motho a se tlhokang—botsalano. (Dia. 18:1) Botsalano jwa rona jwa Bokeresete bo re naya sone fela seno se re se tlhokang. Ka ditsela dife tse di molemo?
2 Mo Bodireding: Molemo mongwe o mogolo thata o re o bonang ke tsela e bakaulengwe ba rona ba re nonotshang le go re ema nokeng ka yone mo bodireding jwa phatlhalatsa. Jesu o ne a romela barutwa ba gagwe “ka bobedi le bobedi” go ya go rera. (Mar. 6:7; Luke 10:1) Fa re latela mokgwa ono ka nako ya fa re bereka le ba bangwe mo tirelong ya tshimo, re bona boammaaruri jwa Moreri 4:9, 10. Jaaka re dira mmogo mo bodireding jwa rona, tumelo, kutlo le lorato lwa ditsala tsa rona di re tlhotlheletsa go nna pelokgale e bile di tsosolosa tlhoafalo ya rona.
3 Go Bona Thuso: Gape bokaulengwe jwa rona ke motswedi wa kgothatso le kaelo ya gore re kgone go lepalepana le mathata le go lwa le dithaelo. Ditsala tsa rona tsa Bakeresete di ka nna tsa re gopotsa ditemana dingwe tse di buang ka mathata a re nang le one. E bile di ka nna tsa re rapelela, fela jaaka le rona re di rapelela. (2 Bakor. 1:11) Mme ga go pelaelo gore sekao sa bone se se molemo se re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di siameng e bile se a re nonotsha.
4 Kwa Dipokanong: Re itumelela masego a botsalano jwa Bokeresete fa re nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego. (Baheb. 10:24, 25) Thulaganyo eno e tletse ka thuto ya semoya, mme go nna gone ga rona kwa dipokanong go re atametsa gaufi le badumedi mmogo le rona. Dikokoano tseno di re naya sebaka sa go utlwa kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ikutlwang ka teng ka tumelo ya bone, e ka ne e le fa ba na le seabe kwa seraleng kana ba akgela e le bareetsi. (Bar. 1:12) Sebofo sa rona sa botsalano se a nonofa fa re tlotla le ba bangwe pele ga dipokano le morago ga tsone. Dinako tseno di re naya sebaka sa go bolelela ba bangwe maitemogelo a rona a a agang tumelo. Botho jwa rona bo tlhotlheletsega ka tsela e e molemo fa re itsalanya ka kgololesego le batho ba ba ratang Jehofa, Lefoko la gagwe, tiro ya gagwe le batho ba gagwe.—Bafil. 2:1, 2.
5 Re tlhoka ditsala tsa rona tsa Bakeresete. Kwantle ga bone, go ka nna thata go tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong. Le fa go ntse jalo, ka lorato lwa bone le kgothatso ya bone, re ka kgona go tswelela pele mo tseleng e e isang kwa lefatsheng le lesha la ga Jehofa la tshiamo.—Math. 7:14.